Boeteledipele jwa khansele bo lekola banni
07 Nov 2022
Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Farayi Bonyongo le mothusi wa gagwe, Rre Kudzani Tobokwani ba mo loetong la go itshupa le go ipega mo banning ba kgaolo eo.
Rre Bonyongo le Rre Tobokwani ba gape eleng makhanselara a dikgaolwana tsa Nlapkhwane/Mapoka le Themashanga ka go latelelana ga bone, ba sa tswa fiwa boikarabelo jwa go etelela khansele ya Bokone Botlhaba ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi mararo monongwaga.
E rile ba buisa diphuthego tsa kgotla kwa Mapoka le Masukwane kgwedi eno e le malatsi mararo, ba bolela fa ba bone go le maleba go ipega mo banning le go utlwa matshwenyego a bone ka go farologana.
Ba re gape diphuthego tseo, ke tsela nngwe ya go itsese banni ka maitlamo a ba ikanneng ka one fa ba tsena mo ofising, ba supa fa nngwe ya one e le go tlhomamisa gore bodiredi jwa maphata a puso ka go farologana, khansele le makalana a mangwe bo fetola ka fa bo ntseng bo dira dilo ka teng, jaaka Reset Agenda e tlhalosa.
Ba re Bodiredi bo tshwanetse jwa eteletsa kwa pele go thusa setshaba se ba direlang mo go sone ka boineelo le ka botswapelo, ba re bone e le ba khansele ba itlamile gore lentswa motho a ka tswa a sa atlega mo go se a kopang thuso mo go sone, a thusiwe sentle le go fiwa tlhalosa ka botlalo.
Kwa Mapoka, mokhanselara Tobokwani o tlhaloseditse banni gore, go tlhophiwa ga ga Rre Bonyongo go nna modulasetilo wa khansele, jaanong go mo tlama gore a seka a tlhola a lebagana le kgaolwana ya Nlapkhwane/Mapoka fela mme a lebagane le kgaolo yotlhe ka bophara.
Fa ba tswa la bone, banni ba Mapoka le Masukwane ba ne ba kopa ditlamelo dingwe mo metseng ya bone, mme ba supa fa dingwe e le tse ba tswang goolowe ba lela ka tsone. Letshwenyego le lengwe la bone e ne ya nna tlhaelo ya metsi le go lopiwa dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya metsi, tlhaelo ya matlo a boroko jwa bairelapuso, kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa mme go sena tlhaloso epe le tse dingwe fela jalo.
Ba ne ba bo ba kopa gore ditsela dingwe tse di mo metseng ya bone le tse di ba lomaganyang le metse e mengwe di dirwe, ka di senyegile, ba bo ba ngongoregela ka fa ba thusiwang ka teng mo diofising dingwe tsa puso.
Kwa Mapoka banni ba ne ba ikuela ka borukuthi jo bo ba apesitseng kobo ka letshoba, jo ba boletseng bo kekela mo motseng wa bone, ba re mme ga ba jesiwe diwelang ke go bo koloi ya sepodisi ya cluster ya bone e sa tswa go isiwa kwa Masunga.
Ka Masukwane gone, banni ba supile fa dikago tsa sekolo se se botlana di le mo seemong se se ngomolang pelo, ba re di tlhoka paakanyo ya potlako, e e tseneletseng.
Fa a araba matshwenyego a bone, mothusa modulasetilo o ne a tlhalosa fa puso e sa nna moriti o tsididi mme e leka bojotlhe go tlamela Batswana ka gotlhe mo e ka go kgonang, a re mme tsotlhe tse ba di eleditseng di ka seke tsa diragadiwa nako e le nngwe.
Le fa gontse jalo, Rre Tobokwani o tlhaloseditse ba Masukwane fa sekole sa bone, e le sengwe sa tse di akareditsweng go tsibogelwa mo ngwageng wa madi wa 2023/2024, a bo a gakolola banana ba kgaolo ba a fiwang ditiro ke puso go netefatsa gore ba iterela motlhala ka go diragatsa tiro ka botswapelo le lorato.
Mabapi le kopo ya ditlhabololo le ditlamelo dingwe, Rre Bonyongo o ne a supa fa go na le bothata jwa tlhaelo ya madi, ka jalo ka bonyenyane jo bo leng teng go tla diragadiwa di se kae tse di ka kgonagalang.
Le ene fela jalo, o ne a kgala ka fa bodiredi bongwe bo itshwarang ke teng mo diofising le ka fa ba thusang setshaba ka teng, a re ka gotwe mashi ke tswa thobeng ke le phepha, selabe se tla le motshola kgamelo, bodiredi bongwe bo na le go sa thusa batho ka fa tshwanelong gore ba akole mananeo a puso.
Banni ba Mapoka le Masukwane ba ne ba kopiwa go tlhokomela bana ba bone gore ba seka ba amiwa ke kgokgontsho le tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MAPOKA
Event : Phuthego
Date : 07 Nov 2022