Ba Bray ba batla ditlhotlhomiso ka lefatshe
06 Nov 2022
Banni ba Bray mo Kgalagadi Borwa ba kopile gore go dirwe dipatlisiso tse di tseneletseng ka lefatshe la morafe la 500 hectares le le dikologilweng ke dipolasi le ba bolelang fa le ka tswa le ketlotswe ke rapolasi.
Fa ba bua mo phuthegong ya mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Samuel Brooks mo Bray bosheng, banni ba supile fa ba le mo pitlaganong ya tlhaelo ya lefatshe, ka ba dikaganyeditswe ke dipolase, ka jalo go tlhoka gore go dirwe dipatlisiso ka lefatshe leo.
Fa a rolela mopalamente kgang, moeteledipele wa pele wa komiti ya ditlhabololo, Mme Janet Sejaname a re ba ntse ba na le kitso ya gore motse oo o selekanyo sa 500 hectares, mme jaanong e rile ba kopa go bewa ditsha ke ba kabo ditsha bosheng gaufi le molapo wa Molopo, ga tsoga kgang ya gore lefatshe leo ga se la morafe mme ke la ga rapolasi.
Ka jalo diekere tseo go supega fa jaanong di tlaabo di fokotsegile, mme motse o tlhoka kwa o tlaa golelang teng.
Are banni ba batla tlhaloso ya gore bontlha bongwe jwa lefatshe le ba ntseng ba itse fa e le la morafe jaanong go diregile jang ka lone.
O kopile gore ba kabo ditsha ba tlhatswe kgang eo ka banni ba tlhoka gore ba bewe ditsha.
Rre Kedisitse Mokolobe, ene o supile gore ba lephata la kabo ditsha ba kile ba tla mo motseng go rerisanya le morafe ka lefatshe le le bolelwang, mme le bone fela jalo ba supile fa ba sa itse gore 500 hectares yoo o ketlogile jang, ka go seyo mo sefalaneng sa bone sa mabeelo gore lefatshe la banni ba Bray le kana kang.
Monni yo mongwe, Mme Itshwareleng Kebonang, o tlhalositse gore e ne ya re ka ngwaga wa 1995/6 banni ba ne ba kopa gore go lengwe merogo kwa molapong, ba letlelesega ka nako eo mme ya re mo tsamaong ya nako ga fetoga gatwe lefatshe ke la rapolasi mongwe.
Are ka nako eo, ga go a latolwa gore lefatshe ga se la morafe, mme jaanong mo nakong eno go fetogile. Le ene fela jalo a kopa gore seo se tlhatswege go tle go itsiwe gore lefatshe le le ka kwa molapong mo Bray ke la ga mang.
Fa a ba araba, mokwaledi wa Tsabong Sub-land Board Rre Mpho Keareng o boletse gore ba ne ba kopana le morafe go seka-seka kgang eo go rurifatsa gore lefatshe ke la ga mang.
O tlhalositse gore peo ya ditshingwana tsa merogo tse di neng di kopilwe e ne ya seka ya atlega ka nako eo ka mabaka a gore go tshwanetse ga somarelwa ditsatlholego tsa melapo go itsa gore menontshane e kgotlele metsi.
Ka jalo ditshingwana di tshwanetse tsa nna sekgala se se rileng go tswa mo molapong. Ka nako eo go ne go sa supagale gore lefatshe leo le na le mong.
Rre Keareng a re mealo e supa gore lefatshe ke 500 hectares mme le amogana melelwane le dipolasi kana di freehold farms. Are mo bogologolong joo ka go ne go sena ditsompelo, 500 hectares gongwe o ne a bewa ka go supiwa.
Mogolwane wa lephata a re fa ba kabo ditsha ba kopa ditlhaloso kwa go ba lephata la Surveys and Mapping, karabo e ne ya nna gore ba santse ba senka mekwalo ka e ne e le peo ya bogologolo.
Ka jalo o ne a kopa banni ba Bray go leta ka tsholofelo gore kgang e tle e rarabologe.
Rre Keareng a re mo nakong eno ba setse ba amogetse dikopo tsa ditsha tsa bonno di le masome a marataro le botlhano mo motseng wa Bray, mme ba tlaa fefosa kabo ya ditsha.
O supile fa ba tlaa simolola go dira moalo beke e e tlang, a itlama fa ba tlaa goroga mo motseng oo gompieno.
Morago ba tlaa dira basemap ba tshwaraganye le ba khansele, maikaelelo e le gore ba bo ba setse ba beile batho ka dipalo tse dintsi pele ga kgwedi ya Mopitlo e wela ngwaga o o tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : BRAY
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 06 Nov 2022