Breaking News

BOTHO University e aba dibuka

06 Nov 2022

Sekole sa Masunga senior ke sengwe sa tse di nnileng lesego la go akarediwa mo kabong dimpho ya dibuka tsa dithuto ka go farologana tse di ka thusang go tokafatsa maduo a baithuti.

Kabo dimpho e, e dirilwe ke sekole sa ithutelo ditiro sa BOTHO University kwa Masunga ka Labone, ele tsela nngwe ya go tshwaya dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano se le teng ga mmogo le go ipelela katlego ya sone.

Fa a rola dibuka di le lekgolo le lesome le boferabongwe le sebalamakgolo tse di filweng motlobo wa dibuka wa Masunga senior, mothusa moeteledipele wa BOTHO University Rre Golekanye Setume o boletse fa a na le tsholofelo ya gore di tla thusa sekolo se go  tswelela se ntsha tlhogo mo maduong a sone le go dira go gaisa jaaka se ntse se dira.

    A go aba dibuka ke maiteko a go tsaya karolo mo ditirong tse di ka nnang le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe leno, a tlatsa ka gore gape ba isa ditebogo mo lefatsheng leno le tshaba ya lone go bo ba nnile le seabe se segolo mo go tlhomiweng, tswelelopele le kgolo ya yunibesithi ya bone.

   O ne a gwetlha bodiredi le baithuti ba sekole go sola molemo dimpho tseo, ka maikaelelo a go tshegetsa serodumo sa bone.

   Fa a itebaganya le sekolo sa BOTHO University, Rre Setume o ne a kaya fa e le sengwe sa tse di alosang baithuti ba ba nang le boleng, e bile fa se bapisiwa le tse dingwe tse di ikemetseng, ke sone fela se ipelafatsang ka go romela thuto ya sone kwantle ga lefatshe leno.  

    Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lekalaneng la kamogelo baithuti kwa BOTHO University, Rre Kgosi Saungweme o ne a gakolola baithuti ba mophato wa bone go simololela ruri go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa makgaola kgang tsa mophato wa botlhano.

Rre Saungweme a re go ngomola pelo go bona bana ba retelelwa ke go tswelela le dithuto tsa bone ba sale babotlana, mo ba felelang ba inaakanya le ditiro tsa botlhokatsebe.

O rotloeditse baithuti go itsalanya le dibuka le barutabana ba bone gore ba ipetlele bokamoso.

    A re ba tshwanetse go tlhaloganya se ba se tletseng kwa sekoleng mme e bile ba lebe kwa morago go sekaseka itsholelo ya malwapa a bone, ba kgaratlhele go dira ka thata gore mo isagong ba tsholetse batsadi le malwapa a bone. Rre Saungweme a re baithuti bangwe ba na le mokgwa wa go sa tseneng dithuto, ba re ba bakisa barutabana mme ba sa lemoge fa go ipakisa bone.

    Mogokgo wa sekole sa Masunga senior, Rre Jabulani Munyere o ne a supa thobaelo ya go bo motlobo wa bone wa dibuka o le monyenyane e bile o sena dibuka tse di kalo, tse di ka sologelang molemo baithuti ba sekolo seo.

    A re sekolo sa maemo a sa Masunga Senior se tlhoka go nna le motlobo wa dibuka o ba ka ipelang ka one.

O ne a lebogela dimpho tseo, a re di tla tlisa pharologanyo mo motlobong wa bone wa dibuka.

Rre Munyere a re se se itumedisang ke go bo sekole seo se dira sentle fela thata mo ditlhatlhobong le ka fa se dirang dilo dingwe ka teng, a bo a leboga bodiredi go bo ba dira tiro ya bone ka boineelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Kabo dimpho

Date : 06 Nov 2022