Breaking News

Fokotsang mesepele e e sa tlhokafaleng-MVA

06 Nov 2022

Ba Motor Vehicle Accident (MVA) Fund ba rotloetsa setshaba go fokotsa mesepele e e sa tlhokafaleng go hema dikotsi tsa tsela.

Se se builwe ke mogolwane wa lekalana la MVA Fund Rre Menard Mothetho fa a ne a baya badirisi ba tsela lefoko la letsatsi la tshimolodiso ya malatsi a a masome marataro kgatlhanong le borukutlhi le ipabalelo tseleng kwa Bobonong.

“Ke kopa gore mo ngwageng ono re itlame rotlhe go tshwaragana le sepodise go lwantsha mmaba gore re babalele matshelo a rona le ba masika a rona. Ntwa e ke ya rona rotlhe.”

Rre Mothetho a re letlole la MVA Fund le setse le tlhotlhorega ka mabaka a dikotsi tsa tsela le boturu jwa go alafa dikgobalo tse di tlhokang boitseanape jo bo seyong mo lefatsheng leno.

A re mo ngwageng tse pedi tse di fetileng lefatshe leno le ne la itemogela kwelotlase ya dikotsi ka nako e metsamao e neng ele kwa tlase ka mabaka a segajaja sa COVID-19 mme a rotloetsa setshaba gore se leke ka bojotlhe go fokotsa metsamao e e sa tlhokafaleng.

O akgotse maiteko a sepodise a go rotloetsa ipabalelo tseleng le twantsho borukutlhi, a tlhalosa fa MVA Fund e tla tswelela e ema ba nokeng ka dithuso tse di farologaneng jaaka dithuto tsa go tlhotlhomisa dikotsi, go rekela mapodise dikoloi dingwe tsa tsone ele tse di thusang mapodisi go tlhola selekano sa bojalwa mo bakgweetsing.

Rre Mothetho o tsweletse ka go tlhalosa fa ditshekatsheko tsa dipalopalo tsa dikotsi tsa dikoloi di supa gore bontsi jwa dikotsi tse di gapang matshelo di bakwa ke tatlhego ya taolo koloi ebo e wa kgotsa e thula kwa ntle ga tsela, a tlatsa fa dikotsi tsa mofuta o di dira 40 per cent ya dikotsi.

A re dikoloi tse di thulanang di lebagane  di dira 13 per cent fa tse di thulanang mo makgabaganyong a tsela le tse di thulang batsamaya ka dinao di dira 13 per cent le 21 per cent ka tatelano.

 Rre Motheto a re tse tsotlhe ka kakaretso di dira 87 per cent ya dintsho tsa dikotsi tsa tsela, a gatelela gore moanelwa mogolo mo mefuteng e yotlhe ke lebelo le le feteletseng ga mmogo le tiriso botlhaswa ya nnotagi.

A re MVA Fund ka tshwaragano le ba sepodise le ba-na-le-seabe ba bangwe ba tla bolotsa letsholo la ipabalelo tseleng ka dikgakololo le dithuto, ‘re dirisa methale e e farologaneng go gakolola badirisa tsela’.

O tladitse ka gore MVA Fund e tsweletse ka go dira setshwantsho sa motshikinyego se se rutang ka ipabalelo tseleng se go solofetsweng gore se bo se tshameka mo Botswana Television ka kgwedi ya Morule.

A re Ipabalelo tseleng e tlhoka megopolo, dikakanyo le metlhale e mesha, tshwaragano le puso, dikompone tse di ikemetseng le sechaba ka kakaretso go lwantsha seemo se. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : BOBONONG

Event : 60 days of Action on Crime and Road Safety

Date : 06 Nov 2022