Breaking News

Kgwediso ka seatla e ka ntsha maduo

06 Nov 2022

Lenaneo le le tokafaditsweng la kgwediso ka seatla, le tlaleletsa metlhale e mengwe ya thuo, le ka ntsha maduo a eletsegang.

Se, se builwe ke Tona wa Temo Thuo, Rre Fidelis Molao kwa moletlong wa go simolodisa  lenaneo leo kwa Dibete ka Labone.

“Lenaneo le le ntseng le le teng la kgwediso ka seatla le ntse le dira, mme le sa re ntshetse maduo a re a eletsang. Jaanong, tlhomo-ntsha e, le go ribolola lenaneo le le tokafaditsweng le, ke gore le phatlaladiwe mo Batswaneng, go gaisa ka fa re ntseng re dira ka teng,” ga tlhalosa Tona Molao.

Go gwedisa ka seatla, Rre Molao a re go tokafatsa boleng jwa leruo ‘ke ka moo re itebagantseng le go reka meroto ya dipoo tse di tlhabolotsweng go oketsa letsalo le boleng jwa nama ya dikgomo tsa rona.’

Are mo nakong ya gompieno kgwediso ka seatla e dirwa mo dikgomong fela, mme mo isagong e tla akaretsa le dihutshane.

“Re ntse re tsamaya mafatshe ka go farologana, le Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go rekwa meroto ya dipoo tse di tlhabolotsweng go gaisa tse re nang le tsone mo lefatsheng la rona, gongwe le mafatshe a mabapi,” ga bua Rre Molao.

Meroto e, a re e akaretsa ya dipoo tse di tlhatlhobilweng gape e le tsa boleng jo bo kwa godimo jaaka; Charolaise, Limousine le Brahman. Tona are kgwediso ka seatla e tla thusa go oketsa letsalo la dikgomo le boleng jwa nama ya tsone gore e nne jo bo eletsegang.

Ka jalo, Tona Molao o rotloeditswe barui go isa dikgomo tsa bone kwa madirelong a puso a kgwediso ka seatla, a lesome le borataro, gore leruo la bone le  gwedisiwe ka meroto ya dipoo tsa boleng jo bo kwa godimo.

Seo, a re se ka thusa go fokotsa tlhaelo ya di poo ‘ka gore re a itse gore fa gongwe letsalo le ya kwa tlase ka gore metlhale e re ruwang ka yone ga se e itumedisang, leuba le tlhasetse gape fa gongwe morui o a bo a na le manamagadi fela, a sena poo’.

Mo godimo ga moo, tona o kopile barui gore ba ise dikgomo tse di mo seemong se se siameng, e seng tse di bopameng tse di tla tsayang lebaka gore di nontshiwe pele di ka gwedisiwa. 

Gore kgwediso ka seatla e atlege, a re go botlhokwa gore barui ba netefatse gore monono gammogo le botsogo jwa dikgomo tsa bone bo siame ka nako tsotlhe, .

A re fa di sa siama seo se ka diya kgweediso ka seatla ‘ka gore go tsaya lebaka le le leele di le mo madirelong a kgweediso ka seatla, mme go ka nna turu mo lephateng le mo go ene morui’.

Gore leruo le kgone go fula ka phuthologo le gore barui ba kgone go lemela leruo la bone, tona a re, ka tshwaragano le bagwebi ba ba ikemetseng, lephata la gagwe le mo maikaelelong a go tla ka methale ya go lwantsha dikgwa, go amiwa ga mahudiso ke leuba le melelo ya naga, gammogo le go tokafatsa ka fa barui ba ruwang ka teng.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Mothusa Motshwarelela Bogosi jwa Gammangwato, Kgosi Serogola Seretse o kopile Lephata la Temo Thuo go bolotsa thuto e tseneletseng ka lenaneo le le tokafaditsweng le, gore e re le anamisiwa le lefatshe barui ka go farologana ba kgone go le akola.

“Ke maikaelelo a puso gore leruo le ntsifale, mme kana lenaneo le, le bogadi bo gaufi. Jaanong, re a le itumelela lenaneo le, re le iteela legofi, ka jaana le tla ntsifatsa leruo la rona gore re kgone go bona mmaraka kwa mafatsheng," a tlatsa jalo.

Fa a ntsha malebo, Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko o akgoletse puso go tla ka lenaneo le le tokafaditsweng la kgwediso ka seatla a re se ke sesupo sa gore e kgathala ka go tlhabololo matshelo a batho.

A re Batswana ba tsaya thuo ya dikgomo ka tlhwaafalo, a supa boitumelo gore ka lenaneo le, puso e tla thusa go tlhabolola leruo le matshelo a Batswana.

“Re a leboga Tautona gore le tabogile lebelo. Fa o tswa o palama sefofane o ya ko mafatsheng, o tlhalositse gore o tla o re tletse tsone tse, mme re tshwanetse gore re di lebogele. Ga re a tshwanela go nna fela re ngongorega, kana re kgala,” ga rialo Rre Boko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MAHALAPYE

Event : Tshimolodiso lenaneo la Kgwediso ka seatla

Date : 06 Nov 2022