Breaking News

Borukutlhi kwa Mmadinare bo a tshwenya

06 Nov 2022

Boeteledipele jwa Mmadinare, bo akaretsa sepodisi le ba-na-le-seabe ba bangwe ba ikaelela go tshwaragana go lwantsha botlhoka tsebe jo bo tsweletseng ka go jwelela mo motseng oo.

E rile a bua kwa pitsong e e neng e biditswe ke ba sepodise sa Selebi Phikwe kwa Mmadinare ka Labone, Kgosi Molefhi Pilane wa kgotla ya Ikageleng mo Selebi Phikwe a re thupa e tshwanetse ya lela go tlisa seemo seo mo taolong.

“A thupa e lele, motse ga o kake wa tswa mo taolong dikgosi le batsadi ba le teng,” ga bua jalo Kgosi Pilane.

O ne a supa fa le bone kwa Selebi Phikwe ba tshwentswe thata ke ka fa motse wa Mmadinare o senyegang ka teng mme botsadi bo le teng go ka kgalema seemo, a tlatsa ka gore borukutlhi ga bo ame Mmadinare hela, le bone ka tsela nngwe ba amega.

A re nako e gorogile gore dikgosi di eme ka dinao go thusana le mapodise go emisa seemo se se ise se tswe mo taolong. 

O boletse fa dikgosi di neetswe dithata tse ba ka di dirisang go tsenya badira molato mo tseleng pele batho ba latlhegelwa ke matshelo ka dipalo tse di kwa godimo jaaka go setse go diragetse mo nakong tse di fetileng.

Kgosi Pilane a re ga go ise go nne thari gore seemo sa motse wa Mmadinare se boele mo tseleng. A re puso le yone ga e beye sebete borukhutlhi. 

A re go tsweng mo dingwageng tse di fetileng morago ga boipuso batho ba ne ba tshela ka kgololesego.

Kgosi Pilane a re botshelo jwa segompieno ga bo a tshwanela go lebatsa batho ngwao ya bone ka se se ka dira gore ba palelwe ke go bopa tshaba e e nang le boikarabelo.

A re mo malatsing a gompieno batsadi ba ikgatolositse boikarabelo jwa kgodiso ya bana ba bone mme se se rwesa puso mokgweleo ka bangwe ba bone ba felela kwa dikgolegelong mme go tlame puso go ba tlhokomela.

Kgosi Pilane a re bontsi jwa borokhutlhi bo dirwa ke bana ba dingwaga tse di kwa tlase tse di letlang gore ba ka otlhaiwa ka thupa go ba busetsa mo tseleng.

A re maiteko a mapodise a a bonala le fa ba tlhaelelwa ke ditsompelo mme go tlhoka morafe go tsenya letsogo.

E ntse e le kwa bokopanong joo, mookamela mapodise a Kgaolo ya No.10 District Senior Superintendent Meshack Pulenyane o ne a re go simolola ngwaga o o fetileng borukhutlhi kwa Mmadinare bo godile ka selekanyo sa masome a ferabobedi le bone mo lekgolong.

Snr Supt Pulenyane a re e le ba sepodise ba lemogile fa tiriso nnotagi le tiriso ya diritibatsi kwa motseng oo e le yone modi wa botlhoka tsebe mme a kgothatsa batsadi go ela tlhoko metsamao ya bana ba bone ka nako tsotlhe le go begela ba sepodise fa go belaesegang gona le tshenyo.

A re le fa mapodise a ka okediwa ga ba kake ba kgona borukutlhi jwa motse wa Mmadinare ba le nosi ntleng le tshwaragano ya botsadi le bogogi ja motse oo.

A re go botlhokwa gore banni ba nne seopo sengwe le ba sepodise go lwantsha botlhokatsebe jwa bana . 

Snr Supt Pulenyane o gakolotse fa bana ba sa tshwanelwa go tlogelwa fela ba tlhorontsha banni ntswa dikgosi le batsadi ba le teng.

A re tiro ya go lwantsha borukutlhi ga se ya mapodise ba le nosi mme ke ya setshaba ka kakaretso, a tlatsa ka gore go setse go gatisitswe dipalo tsa polao di le nne le tsa petelelo di le lesome le bongwe ga mmogo le tsa dititeo di le masome matlhano le bobedi go tswa ka Firikgong monongwaga go ema ka kgwedi ya Lwetse.

Fa a tswa la gagwe Kgosi Maureen Mphoeng wa Mmadinare a supile  fa a itumeletse bokopano, a re o na le tshepo ya gore se se builweng kwa bokopanong se tla diragadiwa.

Are Mmadinare o setse o godile mme a kopa gore go okediwe mapodise. 

Kgosi Mphoeng are e setse e le dingwaga ngwaga ba solofeditswe kago ya sepodise, a tlatsa ka gore kago ya diofisi tsa mapodise mo motseng  e ka thusa mo go lwantsheng borukhutlhing. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MMADINARE

Event : Pitso

Date : 06 Nov 2022