Pula ya matlakadibe e sentse kwa Bokspits
04 Nov 2022
Pula e nele ka sefako se se mashetla kwa Bokspits. Mo potsolotsong, mothusa molaodi wa Kgalagadi Borwa, Mme Thapelo Lesolame a re Pula eo e sentse matlo le dikago tsa puso jaaka kokelwana le sekole. Dikago tseo di thubegile matlhabaphefo.Dikoloi dingwe le tsone di thubegile dipone le digalase. Metsi a tsene mo matlong mme a ne a kolobetsa dijo le dikobo. Mothusa molaodi a re mo nakong eno, batho ba le babedi ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana morago ga gore ba ragogele kwa ntle go sutisa dithoto fale le fale. A re ditshekatsheko di supile fa go ise go nne le ope yo o tlhokang thuso ya tente. Ba ofisi ya boipelego ba tsweletse ka go thusa mme go setse go bonetse fa malwapa a le mabedi a tlhoka thuso ya dijo.
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Boskpits
Event : interview
Date : 04 Nov 2022
Related News
29 Apr 2025
Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Ngwana o thudilwe ke koloi
28 Apr 2025
Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo
27 Apr 2025