Breaking News

Ba moono mongwefela ka kgaolo

02 Nov 2022

Baemedi ba Metse ya Pitseng, Machana le Ralekgetho ba supile fa ba le moono mongwefela gore ba tlaa nama ba le ka fa tlase ga kgaolo ya Moshupa/Manyana.

Baemedi ba, ba ne ba ntsha megopolo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le sekasekang melelwane ya dikgaolo tsa bopalamente bosheng.

Fa a bua mo boemeng jwa banni ba Pitseng, Rre Refiwang Keabile o supile fa ba motse wa bone, ba sekasekile kgang e, e bile ba tsere tshwetso ya gore ba tlaa nama ba le kwa Moshupa/Manyana, ba supa fa kgaolo e ntsha e ka ba busetsa morago.

O supile fa dipalo tsa bone mo motseng di le dipotlana, e bile di le kgakala le go ka dira palo ya 38 682, e e ka letlang go bopa kgaolo.

“Ka go tlhoka lesego dipalo tsa rona di kwa tlase, mme keletso ya rona ke gore re kgone go bona motse wa rona o godile e bile o ikemetse ka bonosi,” a supa.

Rre Keabile o supile gore le fa go ntse jalo, ba tlaa ikuela ba supa letlhoko la go oketsa dipalo tsa makhanselara, fa nako ya lekoko le le sekasekang melelwane ya dikgaolwana tsa bopalamente e wela.

Mo boemong jwa banni ba Machana, Rre Motlhatlosi Ntesetsang o supile gore ba motse wa gagwe ba santse ba siame ka fa tlase ga kgaolo ya Moshupa/Manyana, a tlatsa ka go re, keletso ke gore fa dingwaga di ntse di tsamaya go kgone go nna le kgaolo ya Pitseng e e tlaa akaretsang Machana mo teng.

 “Keletso ke go bona re kgona go ikemela re le ba Machan le Pitseng, jalo re tlaa nama re le ka fa tlase ga kgaolo ya Moshupa/Manyana fa re santse re kgobokanya dipalo,” a tlatsa. Fa a ntsha la gagwe mo boemong jwa banni ba Ralekgetho, Rre Sebolao Rachaba le ene o ne a tlhalosa fa ba le moono mongwe fela gore ga ba kgaogane le Kgaolo ya Moshupa/Manyana.

O supile fa ba amana thata ka ngwao, mekgwa le dikeletso tsa ditlhabololo le batho ba Moshupa, ka jolo go na le neelano.

O supile fa motse wa bone o atamalane thata le Moshupa, ka jalo se se thusa ka e bile mopalamente a dira tiro ya gagwe ka bonokopila. Fa a amogela baeng, Kgosi Mmolotsinyana Mafoko o supile fa keletso e le go ikemela ka bonosi gore ditlhabololo di kgone go goroga sentle mo motseng.

A re le fa go ntse jalo go bonala fa dipalo di ba ganetsa ka di le kgakala le tse di eletsegang go bopa kgaolo. “Ka tebo ya matlho, kgaolo ya rona e santse e le potlana, jalo kopo ke gore e seka ya fetoga, ka e bile re setse re na le mosepele le ba Moshupa.

Re dirile dilo ka bontsi mmogo e bile re setse re na le botsalano,” a supa. Fa a lekodisa morafe ka ditirelo tsa lekoko, moemedi ya lekoko leo, Rre Maotoanong Sebina o ne a re, “Go supa fa le itlhaloganya, e bile le itse ka botlalo gore go tlhokafala eng mo metseng ya lona.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : PITSENG

Event : PHUTHEGO

Date : 02 Nov 2022