Breaking News

Tlhagafalelang botsogo - Dikoloti

02 Nov 2022

Borre ba kgothaditswe go ikemela ka dinao mo mererong ya tsa botsogo.  Mopalamente wa Molapowabojang/Mmathethe e bile e le tona ya botsogo, Dr Edwin Dikoloti o buile kwa phuthegong ya borre e e neng e tshwerwe ke lekalana la Men and Boys For Equality kwa Molapowabojang bosheng, a supa fa maikaelelo magolo a phuthego eo e le go ruta borre le bana ba basimane ka mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS gammogo le malwetse ka kakaretso.

O tlhalositse gore borre le bana ba basimane ba ka thusa lephata la botsogo go lwantsha segajaja sa bolwetse jwa HIV/AIDS le a mangwe fa ba tsibositswe ka nako. Tona Dikoloti a re dipatlisiso di supa fa borre, bana ba basimane, basetsana, bomme ba ba gwebang ka mmele le borre ba ba robalang le banna ba bangwe ba le maoto a tshupa go kopa dithuso kwa dikokelong.

A re ke ka moo go leng botlhokwa gore go tliwe ka methale e mesha go ngoka ditlhopha tse go ikemela ka dinao mabapi le botsogo jwa bone.

Tona Dikoloti a re tumelo ya bone e le ba lephata la botsogo ke gore fa borre le bana ba basimane ba ka tsaya boikarabelo jwa botsogo jwa bone, malwetse le mathata a mangwe a selegae a ka fenngwa.

A re go tsibogela malwetse ka bofefo go thusa thata mo go laoleng bolwetse pele ga bo ka kekela.

Dibui ka go farologana di supile gore go botlhokwa gore fa motho a ikutlwa a sa tsoga, a seka a tsaya nako go ya go bona ba booki.

Bontsi jwa borre ba ba neng ba tsene phuthego eo ba supile fa borre e le bone ba iphitlhelang ba tshabelelwa ke malwetse a tshwana le a diphilo le a tlhakanelo dikobo. Ba re ba tshwanetse go baya ditlhong kwa thoko fa ba le mo diphuthegong tse di tshwanang le tsa borre ba pagama boammaaruri gore ba kgone go bua ka matlhoko a a ba tshwenyang.

Ba rotloeditswe gore ba emise go itoba mme segolo bogolo ba emise go nna matlhomatlho ka jaana seo se ka dira gore ba tsee malwetsi mo nageng baa tshele bakapelo ba bone. Moruti Michael Kajane o supile fa go le maleba gore borre ba itlwaetse go ne ba bua le bana ba bone ba basimane ba ba fa maele gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba fa ba gola.

A re go botlhokwa gore ba nne le sebaka sa gore ba nne fa fatshe le bana ba bone mme ba ba rute ka tsa botsogo.

Mooki kwa kokelwaneng ya Tsopeng kwa Lobatse Rre Tiroyamodimo Mogopodi o bontshitse batsena phuthego eo gore go botlhokwa gore ba nne ba tsamaya le bakapelo ba bone kwa kokelong gore le bone ba kgone go itse seemo sa bone ba bo ba kopa dithuso ka nako. Letsatsi leo le simolotse ka mogwanto mo mosong mme ga felelediwa ka metshameko ya kgwele ya dinao ka tshokologo.  BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : MOLAPOWABOJANG

Event : Phuthego ya borre

Date : 02 Nov 2022