Breaking News

Ipelegeng e ntsha e rotloetsa boipelego

02 Nov 2022

Mogolwane go tswa mo lephateng la temo-thuo mo lekalaneng la Agribusiness   kwa Tsabong Rre Lebang Nkele o gwetlhile barui ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa go ikopanya ka ditlhopha go bopa mekgatlho ka se se ka ba thusang go bua ka lentswe le lengwe go akola mananeo a puso go tlhabolola le go tokofatsa leruo.

O buile se ka letsatsi la go ribolola le go simolodisa mokgatlho wa Werda Small Stock Association o o itebagantseng le barui ba dihutshane kwa Werda ka Labotlhano. O ne a tlhalosa fa kgaolo ya Kgalagadi e le boremelelo jwa thuo ya dihutshane tsa boleng jo bo ko godimo selo se puso e boneng go le botlhokwa go aga matlhabelo a dihutshane go atamelatsa barui mmaraka go go hokotsa  ditshenyegelo tse dintsi go rekisa kwa mafelong a a kgakala.

Rre Nkele o ne a supa fa mekgatlho ya barui e le botlhokwa ka ba ka kgona go akola mananeo a puso a a farologanyeng ba le setlhopha le gone go bua ka lentswe le le lengwe mo go tsa ditlhwatlhwa, ipapatso le tse dingwe.

O ne a kgothatsa mokgatlho wa Werda Small Stock Association go sala molao motheo morago ka nako tsotlhe, go bereka ba le seopo sengwe go ribolola dikitso tse di farologanyeng le go di dirisa. A re ba tshwanetse go nna sekao mo baruing ba bangwe ka go ba tsamaisa tshipidi mo go tlhabololeng leruo ka seo se ka thusa go godisa dipalo tsa dihutshane mo lefatsheng leno.

Rre Nkele o ne a ba kgothatsa gore jaaka mokgatlho ba tshwanelwa ke go bula matlho go ipaakanyetsa go oba letsogo mo matlhabelong a dihutshane ka a ka ba sologela molemo ka ditsela tse dintsi jaaka go thusa balemi ba bangwe ka sepalamo go ba isetsa leruo kwa matlhabelong, go rekisa mateng a dihutshane tse di tlhajwang le gone go ithuta go suga matlalo ka seo se ka thusa go tswelela ba ikgodisa.

Modulasetlo wa Werda Small Stock Association Rre Joseph Louw o tlhalositse fa mokgatlho oo o sale o bopilwe ka ngwaga wa 2020 mme mo nakong eno ba na le maloko a a fetang masome a mabedi.

O ne a tlhalosa fa ba ne ba ikgolaganya le ba lephata la matlhoko a leruo go ba thusa ka dikgakololo le tsotlhe tse di neng di tlhokafala gore ba kgone go kwadisa semmuso le go neelwa setlankana. O boletse fa ba ne ba tswa ka mogopolo wa go tlhama mokgatlho gore ba tle ba kgone go akola mananeo a puso ba le setlhopha.

A re dingwe tse ba di kgonneng e le mokgatlho ke go isiwa dithutong tsa tlhabololo le tlhokomelo ya dihutshane kwa polasing ya puso kwa Lobu, go dira molao motheo, le setlanakana.

Rre Louw o tlhalositse fa dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le bogodu jwa leruo bogolo jang dihutshane di tlodisiwa molelwane mme a kopa puso go ba thusa ka kampa ya ba sepodisi ba Special Support Group (SSG).

Modulasetilo wa Molopo Small Stock Association Rre Tawana Tumaeletse o gwetlhile barui ba dihutshane go beeletsa mo mhameng oo ka o ka ba tswela mosola ka o na le maduo a a bonalang.

O ba gakolotse go tswelela ba dira ka gotlhe go tlhabolola leruo go nna la boleng jo bo kwa godimo go itepetepanya le ditlhwatlhwa tse di botoka ka di ka tokafatsa matshelo a bone.

O kgothaditse ba Werda Small Stock Association go tsaya malebela mo mekgatlhong e mengwe ya thuo ya dihutshane mo lefatsheng leno le kwa ntle ka go disa le gone go tswelela pele.

Sub Inspector Elias Coetzee wa Werda o ne a supa fa ba sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa go tlodisa dihutshane molelwane jo bo ileng magoletsa kwa motseng a supa fa Werda Small Stock Association tsholofelo e tlaa tshwaragana le mapodisi go lwantsha seemo seo.

O ne a supa fa dikgang tsa bogodu gantsi di ama bana mme se se ngomolang pelo go na le batsadi bangwe ba ba santseng ba bipa mpa ka mabele go na le loma mapodisi tsebe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : Tshimologo ya mokgatlho wa Werda Small Stock Association

Date : 02 Nov 2022