Breaking News

Go reetsa kgaso ya Palamente go botlhokwa -Thiite

02 Nov 2022

 Go reetsa kgaso ya dikgang tsa Palamente go botlhokwa ka  go  ka thusa motlhophi go nna le kitso ka tse di amang matshelo a gagwe le gone gore a seka ba tsiediwa ke mapolotiki a a senang boammaruri.Go tlhalosegile fa mapolotiki mangwe ba na le mokgwa wa go solofetsa batlhophi magodimo le go dira dipego tse di senang boammaruri mo ditsebeng tsa bo facebook le mo maranyaneng ka go farologana.

Mopalamente wa Ghanzi bokone, Rre Johane Thiite o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Ghanzi ka Mosupologo.

 Rre Thiite o ne a ba kgothatsa go tsenelela diphuthego tsa kgotla a re ke gone kwa ba  ka utlwang ka  mananeo  a puso teng.

O ne a ba gakolola gore fa ba ka ithokomolosa diphuthego tsa kgotla,batla tsiediwa ke mapolotiki  a senang boammaruri ka nako tsa  ipapatso.Ka jalo a re ba reetsa  kgaso kgotsa dikgang  tsa palamente le go tsena diphuthego tsa kgotla gore ba  farologanye  boammaruri  le mo  e seng boammaruri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : phuthego ya kgotla

Date : 02 Nov 2022