Ba gakololwa go kabakanya dijwalo
02 Nov 2022
Balemi ba rotloeditswe go kabakanya dijwalo gore ba kgone go bona mmaraka wa thobo ya bone.
Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lephata la dijwalo wa kgaolwana ya Ngamiland Bophirima Rre Onne Monamisi, kwa phuthegong e ba neng ba e rulaganyeditse balemi kwa Gumare ka Labobedi.
Rre Monamisi o ne a bua se, a tshwaela mo matshwenyegong a balemi bangwe ba ba neng ba supa fa thobo ya bone ya mmidi e sa ba busetse ka e sa rekwe sentle.
Ka jalo, Rre Monamisi o ne a supa fa go kabakanya dijwalo go le botlhokwa, ka dijwalo dingwe di tshwana dinawa di rekwa thata ka dipaka tshotlhe, e bile di rekwa ka tlhwatlhwa e e botoka fa mmidi one o nale mmaraka paka ele nngwe fela.
Rre Monamisi o ne a gakolola balemi gore ba leme ka dipalo tse di kwa godimo gore ba itshetse le go jesa lefatshe.
O ne a tlhalosetsa batsena phuthego eo gore, ikwadiso ya lenaneo le le thusang balemi ka dipeo e wetse mo kgweding ya Phalane e ya fifing mo kgaolong eo.
O ne a ba gakolola gape go dirisa mananeo a puso a a thusang balemi, a re lenaneo la ISPAAD le tsweletse ka go thusa balemi le fa thuso ya diterata yone e santse e emisitswe go fitlhela setshaba se itsisiwe.
Rre Monamisi o ne a rotloetsa balemi ba Okavango go begela ba temo-thuo dipelaelo dipe tsa diji tse di tshwenyang mo kgaolong jaaka nonyane ya thaga le tsie, a re baka kgona go lwantsha diji tseo ka kemo nokeng ya setshaba.
E rile a amogela banni mo boemong jwa Kgosi ya Gumare, mothusa Kgosi e bong Kgosi Kelapile Kealotswe, o ne a rotloetsa banni ba Gumare go ya go lema, ka letsema le rebotswe mo motseng wa bone kgwedi e e fetileng.
Kgosi Kealotswe o ne a tlhalosa fa se se ba tshwenyang thata ele ba bogosi, ele leruo le le sa tlhokomelweng mme le felele le senya dijwalo tsa balemi.
O ne gape a gakololola balemi gore ba tlhokomele masimo a bone le gore ba lete diji gore masimo a bone a ungwe a ba tswele mosola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : GUMARE
Event : phuthego
Date : 02 Nov 2022