Kereke e na le seabe mo itsholelong -Senai
02 Nov 2022
Kereke fela jaaka mekgatlho e e farologanyeng e e fitlhelwang mo setshabeng e tshwanetse ya nna le seabe se se bonalang mo go godiseng itsholelo.
Mookamedi wa koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) Rre Gaselemogwe Senai o buile mafoko a kwa Mahalapye ka Sontaga kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa go ipelela thobo wa kereke ya United Congregational Church of Southern AFRICA (UCCSA).
A re seabe sa kereke mo go ageng le go godisa itsholelo se tshwanetse sa bonwa ke mang le mang.
“Itsholelo ya lefatshe ga e kake ya gola e sa engwa nokeng ke makalana a a farologaneng a tsamaiso ya lefatshe go balelwa le kereke mo teng.
Go godisa itsholelo ya lefatshe gape go ka kgonagala fa puso e ithola tsamaiso ya ditiro dingwe e di neela makalana a ikemetseng,” ga bua jalo Rre Senai.
Fa a abela kereke P10 000 go tswa kwa WUC, Rre Senai o ne a e akgolela go bo e kgonne go ikokoanyetsa madi a fetang P163 000, mme a gatelela gore go botlhokwa gore morago ga thobo, motlhala wa kereke o bonale mo maitekong a go godisa itsholelo ya lefatshe.
E ne ya re a rolela Moruti Mokgweetsi Kgapo wa kereke ya UCCSA ya Mahalapye mpho eo, Rre Senai o ne a rotloetsa maloko gore le one a tseye boikarabelo jwa go nna le seabe mo go godiseng kereke ya bone.
Mo godimo ga madi ao, WUC e ne gape ya abela kereke mabotlolo a metsi a nowang a le 300.
Mo go tse dingwe, Rre Senai o rotloeditse maloko a UCCSA go duela dikoloto tsa bone tsa metsi sentle gore koporase ya metsi e kgone go siela batho botlhe metsi.
Mo lefokong la gagwe la thero, Moruti Gaolape Mogotsi wa kereke ya African Methodist Episcopal Church go tswa kwa Taung/Ramotswa, o ne a rotloetsa maloko a kereke ya UCCSA go ntsha thobo mo kerekeng ngwaga le ngwaga ka mewa e e phuthologileng.
"E ke nako ya go tlisa bontlha bongwe jwa thobo ya gago kwa Modimong. Re tlile go neela Modimo mme ga re mo neele fela, re a ipeela ka kitso ya gore Modimo o tlaa busa go menagane," ga bua Moruti Mogotsi.
"Re tshwanetse ra gakologelwa gore Modimo o ntse a le ntlheng ya rona, a re tshegeditse gore a bo re santse re tshela, e bile re kgonne go roba," a tlatsa.
Fa a tlhalosa maikaelelo a thobo, Moruti Kgapo o boletse fa e le tsela ya go ipelela tsotlhe tse maloko a di robileng mo ngwageng, mme ba di tlisa kwa Modimong go lebogela tshegofatso le lorato lwa one, tse a boletseng fa e le tsone di ba kgontshitseng go roba.
Tirelo e, a re gape ke tsela ya go kokoanyetsa kereke madi a a thusang mo tsamaisong ya yone ya letsatsi le letsatsi, a supa fa madi ao a tlaa e thusa go ka fitlhelela maikaelelo otlhe a yone.
Bontlha bongwe jwa madi a kokoantsweng a, o tlhalositse fa a tlaa dirisiwa go duela badiri ba ba thapilweng mo kerekeng le go dira ditiro tsa bopelotlhomogi tse tsone e leng maiteko a kereke a go fa setshaba tshegetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Thobo ya UCCSA
Date : 02 Nov 2022