Breaking News

Tshwaragano ya morafe le mapodisi e ka fokotsa borukutlhi

01 Nov 2022

Mookamela mapodisi a Kweneng, Rre Agreement Mapeu o kaile fa tshwaragano ya sepodisi le setshaba e le botlhokwa mo twantshong borukutlhi.

O buile jaana kwa Mmopane bosheng kwa phuthegong ya kgotla e e neng e itebagantse le tse di ka dirwang go lwantsha borukutlhi jo bo golelang pele mo kgaolong eo.

A kopile banni go itsese mapodisi ka borukutlhi jo ba bo bonang bo diragala mo kgaolong, gore ditlhotlhomiso di dirwe go le motlhofo.

Fa a rola pego ya melato e e dirwang mo Mmopane, o supile fa thubetso ya bana, go itseela dikobo ka dikgoka le go thujwa ga dikoloi di di goga kwa pele.

O gakolotse banni go emisa go hirisetsa batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go nna mo Botswana, a supa fa batswakwa ba go nna jalo ba feletsa ba tsena mo borukutlhing gore ba duele boroko.

Rre Mapeu a re ope fela yo o tlaa fitlhelwang a hiriseditse motswakwa yo o senang teseletso o tlaa tseelwa dikgato tse di maleba.

O kaile fa tshwaragano e le botlhokwa gore borukutlhi ka kakaretso bo apoge lefatshe la Botswana, mme a tswelela ka go gakolola banni gore ba seka ba bipa dikgang tse di amang kgokgontsho ya bana ka di ka kgotlela kgolo ya bone.

Fa a mo kgwa kgaba, Mme Messiah Makola yo e leng moemedi go tswa mo lephateng la bong le tshireletsego ya ngwana, o supile fa ba leka ka bojotlhe go tshwaraganela le mapodisi  dikgang tsa borukutlhi, segolo jang tse di amang petelelo ya bana mo Kweneng.

Mme Makola o tlhalositse fa petelelo ya ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi e ka dira gore ngwana yoo, a latlhegelwe ke tlhaloganyo.

A re go botlhokwa gore setshaba se itsese baruti, mapodisi le ba boipelego ka borukutlhi jo bo diragalang mo kgaolong. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : MMOPANE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 01 Nov 2022