Kereke ya Revelation ke motheo wa tumelo - Autwetse
01 Nov 2022
Maloko a kereke ya Revelation Blessed Peace Church a rotloeditswe go tswelela ka go tshegetsa tumelo le go sala morago molao-motheo wa kereke.
Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse o ba rotloeditse jaana jaaka a ne a bula semmuso bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa kereke eo jo bo neng bo tsenwe ke dikereke go tswa kwa dikgaolong tse di farologanyeng kwa Kgagodi ka matlhatso.
Rre Autwetse o supile fa bokopano bo le botlhokwa ka e le sebaka sa go itshekatsheka le go baakanya ditsamaiso go itsa dikgogakgogano tse di ka bakang dikgotlhang magareng ga maloko.
A re se ka bo sone se thusa thata go bopaganya setshaba le go fokotsa go runya ga dikereke mo go seng ka fa molaong, a re bontsi jwa dikereke tsa go nna jalo ke tse di jang Batswana ntsoma.
O rotloeditse balatedi ba Revelation go tswelela e nna sekao sa nnete mo metlheng e e thata e batho ba gateletsweng ke maikutlo a botshelo.
Rre Autlwetse a re fela jaaka dikgwebo, dikereke le tsone di ne tsa angwa ke segajaja sa COVID-19, a re melawana yotlhe e e neng ya bewa ke ba botsogo e ne e se go gamola ope mme e ne e le go sireletsa matshelo a Batswana.
A re le fa go ne go le bokete dikereke di ne tsa seka tsa ineela mme tsa ema ka lentswe le le lengwe go thusa puso go lwantsha bolwetse le go sidila batho maikutlo.
A re se se supa mosola le maikemisetso a kereke mo setshabeng se ba se eteletseng pele.
O ne a rotloetsa kereke ya Tshenolo jaaka balatedi ba yone ba e bitsa go sala morago maitlamo a ga Tautona a tlhomo ntsha gore le bone ba seka ba salela kwa morago.
O ne a supa fa puso ya Botswana e agetswe mo godimo ga ditumelo tse di farologanyeng tsa kgololesego mme se se sa ree gore mongwe le mongwe o ka dira se a se batlang, a supa fa dikereke dingwe di ikgatholositse molao mme selo seo sa tlama puso go fetola melao mengwe go sireletsa serodumo sa kereke.
A re e le ba Revelation ba tshwanetse go sekaseka seabe sa bone mo go tlhabololeng matshelo a Batswana, bogolo jang tlhokomelo ya masiela le batlhoki ka puso e sa tlhole e na le dithata.
Rre Autlwetse o ne a abela kereke dikobo di le masome a fera bongwe le botlhano le P2 000.
E rile a lekodisa tona ka ditso tsa kereke, Archbishop Themba Pema a tlhalosa fa kereke ya Revelation e ne ya thaiwa ke Archbishop Matho Kepaletswe ka 1976 mme ya re go hulareng ga gagwe a tlhatlhangwa ke ngwana wa gagwe e bong Tshwaragano Kepaletswe yo le ene a se yong mo botshelong.
O tlhalositse fa e ne ya re ka Moranang mono ngwaga ya tlhoma ene go nna moeteledipe wa yone mme e dira jalo e setse molao-motheo morago.
A re se e tshwanetse go nna sekao mo dikerekeng tse dingwe.
O ne a re go le gantsi dikereke di thujwa ke go lwela maemo ga baeteledipele ka ba abo ba lebile dikeletso tsa bone ba sa sala molao-motheo morago.
Kwa bofelong o ne a leboga tona go bo a tsere sebaka sa go tla go ba ema ka lefoko, a tlhalosa fa kereke e tlaa tswelela e thusa puso ka tse e ka di kgonang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : KGAGODI
Event : Bokopano
Date : 01 Nov 2022