Balemi-barui ba abetswe didiba
01 Nov 2022
Balemi-barui ba masimo a Taukome le Khumanego mo kgaolong ya Serowe Bokone ba rotloeditswe go lema, go ntsha dijo tse di ba lekaneng le go rekisa tse dingwe.
Thotloetso eo e dirilwe ke mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe ka Matlhatso, fa a ne a neela balemi-barui semmuso, didiba tse di goketsweng go nosa leruo.
O ba rotloeditse go dira melawana e e tlaa ba tsamaisang le komiti e e popota ya balemi-barui, a tlatsa ka go re ba tshwanetse go tlhokomela didiba gore ba tswelele ba anwa mo go tsone fa dipula di ise di phaile.
Rre Mathoothe o ba kopile go nosetsa barui ba bangwe, mme ba ba lopa madi mangwe, a tlatsa ka go re didiba tseo di na le metsi a mantsi mo ba ka tsayang lobaka ba anwa mo go tsone.
Mopalamente o boletse fa gape ba ka dirisa metsi ao go lema merogo, ba tsenya letsenonyana go itlhabolola.
Balemi-barui ba ne ba amogela didiba ka megolokwane, ba bolela fa ba sa bolo go sokodisiwa ke letlhoko la metsi, mme ba solofetsa gore ba tlaa di tlhokomela.
Rre Goitseone Phiri o ne a kopa gore puso e tlhabolole ditsela tse di yang kwa masimo, a bolela fa ba palelwa ke go ya masimo ka nako tsa dipula.
Mme Gaily Baipusi wa masimo a Taukome ene o boletse fa ba amogela didiba ka atla tsoo-pedi, a re ba lema thata, sebe sa phiri ke diphologolo tsa naga, bogolo jang ditholo, tse di ba uputsang mo masimo.
O boletse gape gore barui bangwe ga ba tlhokomele leruo, mme le felela le ba senyetsa.
Rre Ponatshego Kebaneetse wa Taukome ene o boletse fa bogodu jwa leruo bo ba apesitse kobo ka letshoba, a re banana bangwe ba itirela ditshipi, mme ba tshube dikgomo tsa batho.
Rre Kebaneetse o boletse fa magodu mangwe a bolaya loruo, mme ba tsee nama, ba tlogele mateng, matlalo le ditlhogo mo sekgweng. Mme Tebogo Ramaloto o boletse fa a nyeleletswe ke dihutshane tsotlhe, a re ba setse ba humanegile go se na se ba ka itshetsang ka sone.
Mo go tse dingwe, Mopalamente Mathooothe o ne a ba bolelela ka melao e ba e dirileng kwa palamenteng e e fetileng, le ka ditlhabololo tse di dirilweng mo kgaolong-potlana ya Serowe.
O buile ka go shafadiwa ga tsela ya Palapye/Serowe, e e neng e le maswe e baka dikotsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Ka ba semmuso ya didiba
Date : 01 Nov 2022