Neelano le tirisanyo konokono mo kerekeng
01 Nov 2022
Boineelo, therisanyo le tirisanyo mmogo konokono mo go eteleleng phuthego, ka kereke e le yone e tshwanetseng go aga setshaba.
Go kgaogana ga dikereke go bakwa gantsi ke go thoka therisanyo le boineelo jo bo tlhokafalang mo go rarabololeng dipharologanyo tse di nnang teng, selo se se leng bonolo fa go na le neelano.
Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao o buile jaana kwa tirelong ya kereke ya ya go tlhomamisa semmuso Bishop Joel Nkhwa wa New Jerusalem Apostolic Church in Zion kwa Marobela.
A re go tlhoka go dumalana ga boeteledipele go bakile go runya ga dikereke.
O bile a re fa batho ba dirisanya mmogo nako nngwe ba farologana ka megopolo mme se, se raya gore ba nne fatshe ba buisane gore ba tswe ka megopolo e botlhe ba dumalang ka yone.
A re go kgaogana ga dikereke go leswefatsa leina la kereke mo setshabeng ntswa batho le puso ba lebeletse gore kereke ke yone e tshwanetseng go nna le karolo e kgolo mo go ageng setshaba.
Rre Molao a re lefatshe ka bophara le lebaganwe ke dikgwetlho tsa botlhoka tsebe jwa bana, tiriso ya ditagi le kgokgontsho ya bong, mme puso e tlhokana le makalana a a tshwanang le kereke go rotloetsa le go gakolola bana le batho ka kakaretso gore kagiso e nne e tswelele mo lefatsheng leno.
A re dipolaano tse dingwe tse di diragalang malatsi ano ke ka ntlha ya tiriso botlhatswa ya dino le diritibatsi, ka jalo go tlhokega gore batho ba gogelwe kwa lefokong la Modimo gore segakolodi se kgone go tsena mo go bone, ba tlogele go dira dilo tse dibosula. Tse tsotlhe a re di ka kgonega fela fa dikereke di ka tsaya karolo mo lefatsheng ka tlhoafalo, boeteledipele jwa tsone bo itse fa batho ba beile tsholofelo mo go bone gore go nne le leralo le kagiso ka dinako tsotlhe.
O ne a gakolola bogogi jwa dikereke gore ba seka ba ntsha diphuthego tsa bone dikgwebo gore phuthego e nne le tshepho mo go bone, e seng gore batho ba tshabele kgakala ka go tshaba go tseelwa madi ke baruti.
Fa a amogela thomo, Bishop Nkhwa o lebogetse tshepho e phuthego ya kereke ya gagwe e nnileng le yone mo go ene gore a tlhophiwe ke baruti ba le 57 go tswa mo go ba le 58 gore a nne bishopo wa bone.
Bishopo Nkhwa a re go nna bishop ya New Jerusalem Apostolic Church in Zion ke lesego le legolo mo go ene ka gore o ithutile mo go ntsi mo go ba ba tsileng pele ga gagwe go fitlhelela ba tlogela ka bogodi fa ba bangwe ba tlhokafetse.
A re ga a ye go nna mogolo mo go ba ba mo romileng mme ka nako tsotlhe o tlaa nna a kopa maele mo go bone gore a kgone go atlega mo tirong ya gagwe le go godisa kereke. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : MAROBELA
Event : tlhomamiso ya ga Bishop Joel Nkhwa
Date : 01 Nov 2022