Dikgang tsa kgokgontsho di ile magoletsa kwa Letlhakeng
31 Oct 2022
Dikgang tsa kgokgontsho di tlhalosiwa di le dintsi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Assistant Superintendent Lekopanye Molwantwa kwa bokopanong jwa go baakanyetsa letsatsi la mafatshefatshe la borre le le tlaa tshwarelwang kwa Salajwe Ngwanatsele a le lesome le borobabobedi.
Ass. Supt Molwantwa o tlhalositse gore ba begetswe melato ya kgokgontsho e le masome matlhano le bone go tloga ka Hirikgong go fitlha Phalane monongwaga.
O tlhalositse fa ba begetswe molato wa go thubetsa e le mebedi, ya go tshosetsa go bolaya e le metlhano, a go itaya e le mene, ya go dirisa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi mo go tsa tlhakanelo dikobo e roba bongwe, ya go gobatsa e le meraro, ya go itaya e le mene, le melato ya go itaya mo go botlana e le lesome le botlhano.
Ass. Supt Molwantwa o supile fa go na le lepodisi le le itebagantseng le dikgang tsa bong le le lengwefela, a bo a rotloetsa borre go bega dikgang tsa bone fa ba kgokgontshiwa.
E ne e rile a amogela baeng kwa tirong eo, mogolwane go tswa kwa ofising ya ga malaodi mme a itebagantse le dikgang tsa HIV/AIDS, Rre Kennedy Dintwe a supa fa kgaolo-potlana ya Letlhakeng e na le batho ba ba amilweng ke mogare wa HIV/AIDS ba le dikete tse tlhano.
Rre Dintwe o boletse fa go na le dikgang tsa go ima ga banana di le masome matlhano le bobedi, a bo a tlhalosa fa go nowa bojalwa thata mo kgaolong-potlana e.
O tlhalositse fa kgaolo e gape e tlhasetswe ke lehuma, a bo a supa fa go nowa phetelela ga bojalwa go baka dikgang tsa kgokgontsho.
Fa a bua ka mefuta ya kgokgontsho Mme Kealeboga Motanyana go tswa kwa Botswana Gender Based Violence and Support Centre, o ne a supa fa go na le kgokgontsgho ya maikutlo, kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo le kgokgontsho ya tsa madi.
O tlhalositse fa kgokgontsho ya maikutlo e le go buisa motho yo mongwe mafoko a a nyenyafatsang le a a roganang, a supa fa kgokgontsho e e le botlhoko ka nako e ntsi go sena bosupi.
Mme Matanyana o supile fa kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo e le ya go betelela, go tshwara motho a sa rate le fa mogolo a robala bana ba ba kwa tlase ga dingwaga.
O tlhalosiste fa kgokgontsho ya madi e le fa mokgokgontshi a laola gore madi a dirisiwa jang, go na le gore ba dumalane gore ba ka dira eng ka madi.
O supile fa mokgokgontshi gantsi a le lerato e bile a itse go fitlha mekgwa ya gagwe ka lerato, mo e kareng go buiwa mekgwa ya gagwe ope a seke a dumele.
Fa a lebogela tiro eo, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng Rre Tumelo Seboko o ne a supa fa dikgang tsa kgokgontsho di le dintsi, a supa fa go na le kgang ya gore mosadi ga a kake a nna kgosi fela ka gore ke mosadi.
Rre Seboko o ne a supa fa basadi ba supile fa ba na le bokgoni jwa go etelelela morafe pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : bokopano
Date : 31 Oct 2022