Breaking News

Jacobs Ladder e tlhoma bogogi jo bosha

31 Oct 2022

 Kereke ya Jacob’s Ladder e tlhomile bogogi jo bosha morago ga go ithola marapa ga ga Rre Walebatla Radipitse.

Rre Radipitse yo go bolelwang fa a gogile kereke dingwaga tse di masome matlhano le bosupa o roletse Rre Alogeng Letebele maemo a bobishopo, Mme Ruth Letshwao a tsaya a bothusa bishop fa Mme Katso Keaikitse ene a tsere a bothusa mothusa bishop.

Bogogi jo bo tlhomamisitswe semmuso ka Matlhatso ke Reverend Dr Ompatetse Mompati yo o ba kopileng go nna le theetso mo phuthegong le go itse fa ba ka seke ba kgone sepe ntle le yone.

Fa a bua mo boemong jwa lephata la pereko le selegae, Rre Tsholofelo Molobe o boletse fa kereke e na le seabe se segolo mo tlhabololong ya setshaba, ka jalo puso e lemoga tiro e kereke e e dirang mo tsweledisong puso ya batho ka batho le thitibalo.

A re ka jalo boeteledipele jo bo lolameng bo botlhokwa mo go tswelediseng tiro e ntle ya kereke. 

O ne a kopa boetelepele jwa dikereke go dirisa meamuso ya kereke ka tsela e e sa belaetseng.

A re gore kereke e tswelele e na le boleng e bile e tlotlwa e tshwanetse ya nna le tsamaiso e e nonofileng ya boeteledipele, a supa fa motheo o o nonofileng wa go etelela pele o godisa boleng jwa kereke. 

O ne a gakolola kereke go itse ditsamaiso tsa melao tse di laolang go tlhongwa ga dikereke e e ba tlamang go nna le dibuka tsa madi tse di lolamemng le go  tswelela ba romela tse di tlhokwang ke mokwadisi mogolo wa makgotla. 

O ne a ba kopa go obamela melawana e e thibelang tiriso ya madi mo go rotloetseng borukutlhi jwa mafatshe.

Fa a amogela batsena moletlo Mme Lesego Modise o ne a re e le ba kereke ya Jacob ba leboga motlhami le mosimolodisi wa kereke go ba rolela moeteledipele yo mosha. 

A re tiro e Rre Radipitse a e dirileng ke selo se se sa tlwaelesegang, ka jalo a tshwanelwa ke go akgolwa.

Moruti Gabriel Tsuaneng wa Botswana Council of Churches o ne a akgola Rre Radipitse ka fa a gogileng kereke ka teng mo dingwageng. 

A re boeteledipele bo a tsalelwa a bo a re o mo eleletsa botsogo jo bo siameng e bile o mo neela Modimo.

A re boeteledipele ke botlhanka ba seka ba dira phuthego badiredi ba bone, ka ke bone ba tshwanetseng go direla phuthego ka tekatekano le ka boammaaruri. 

Moruti Tsuaneng a re moeteledipele wa kereke o tshwanetse go itse fa a emetse Modimo. 

O bile a re ba tsee boikarabelo jo mme ba itse fa bo se motlhofo a bo a re ba seka ba dira dilo go itumedisa batho bangwe, ka jalo a ba kopa go nna tsebe ya go reetsa  setshaba. 

A re kereke e tlhoka baeteledipele ba ba digatlhamela masisi, a tla a re ba tsaya boikarabelo ka nako e setshaba se tlhokang go tshwaraganngwa, ka jaana go tsogile tlhakatlhakano.

Fa a ba ema ka lefoko, Reverend Dr John Phillip o ne a kopa Batswana go tlhoafalela go rapela, a re Batswana ba itsetsepele mo thapelong ba emise go batla go rapelelwa bone ba sa rapele.

Dr Phillip o bile a re morwalo wa boeteledipele  ga o motlhofo a bo a kopa ba ba neng ba neelwa maemo go itse fa phuthego e sa ye go ba tsaya ka go lekana. 

A re bone e le baeteledipele ba ye go tsaya phuthego ka go lekana.

Fa a leboga, Moruti Radipitse a re le fa go sa tlwaelesega go itapolosa mo lefokong la Modimo, boammaaruri ke gore o setse dingwaga di mo tshwere.

Ka jalo o ne a lebogela Modimo go mo fa sebaka sa go tlhatlhangwa a sa ntse a le mo botshelong. 

O kopile phuthego gore e seka ya boifa dikgwetlho, a supa fa ene a di bonye tsotlhe fa a simolola kereke. 

A re ene le kereke ba ne ba kganelwa ke magosi a pele a ga Ngwaketse go rera lefoko la Modimo, a shelwa ke ntlo, mme dilo tse tsotlhe tsa seka tsa mo nyemisa moko. 

O kopile yo a mo tlhatlhamang go nna le tsebe ya go reetsa le pelo ya thusa botlhe ka pelotheri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event :

Date : 31 Oct 2022