Breaking News

Sekole sa Mokungwane se a ipela

31 Oct 2022

Sekole se sebotlana sa Mokungwane se tsweletse ka go tsabakela ka maduo a mantle. 

Sekole seo go bolelwa fa se dirile bontle mo ngwageng tse tharo ka go latelelelana.

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo le kaloso ya bananyana, kwa Mokungwane ka Labotlhano, mogolwane go tswa BOCRA, Mme Maitseo Ratladi o ne a re go botlhokwa go rotloetsa maduo a mantle, a tlatsa ka go re go ipelela maduo le kabo dimpho go tiisa baithuti le barutabana moko.

O boletse fa sekole seo se le mo kgaolong, e bile sele sennye, mme se tlhoka kemo nokeng, a tlatsa ka go re ngwana mongwe le mongwe o na le bokgoni, pharologanyo ke gore bangwe ba tshwara ka bonya.

O galaleditse barutabana a re ba dira tiro e ntle ka bopelotelele, a re kgang kgolo ke go fetola ka fa motho a akanyang ka teng le ka fa a dirang dilo ka teng.

Fa a tswa la gagwe, Mogokgo Grace Gosego o ne a re sekole sa bone se dira sentle go simolola kwa tlase, ntswa se le sebotlana, gape se tlhaelelwa ke matlo a borutelo le maranyane. 

Mme Gosego o kopile gape gore sekole se baakanngwe ka se kgasitse.

O tlhalositse gape fa katlego ya bone e dirwa ke tshwaragano ya ba-na-le seabe, e a reng ba eletsa go e tiisa go ya pele. 

O ne a akgola batsadi ba Mokungwane a re ba tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso, moithuti wa pele wa sekole seo, Mme Annah Kolagano o ne a rotloetsa bana go rata thuto, ka gore lerato le dira motho gore a kgone, a seka a ineela. 

Mme Kolagano o ne a gakolola baithuti go itse ditoro tsa bone, mme a kopa batsadi go rotloetsa bana mo ditorong tsa bone.

A re tshwaragano ya ngwana le motsadi e botlhokwa, mme a kopa bana go tlotla batsadi, batsadi le bone ba emise go dirisa mafoko a a sa ageng.

Fa a leboga, mogolwane wa thuto, Mme Didimalang Mmemo o ne akgola barutabana ba sekole  sa Mokungwane le ba-na-le seabe a re ba dira tiro e tona go ntsha maduo. 

Mme Mmemo a re lephata la thuto le dumela mo go tshwaraganeleng thuto, mme a ba rotloetsa gore ba tswelele ka tshwaragano e e supiwang  ke maduo. 

Moletlo oo, o ne o rotloediwa ke BOCRA ka P20 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MOKUNGWANE

Event :

Date : 31 Oct 2022