Ba Manyana ba ikopela kgaolo ya GabaneMmankgodi
31 Oct 2022
Banni ba Manyana ba kopile gore motse wa bone o ntshiwe mo kgaolong ya botlhophi ya Moshupa/Manyana o isiwe kwa Gabane/Mmankgodi.
E rile ba ntsha megopolo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le sekasekang melelwane ya dikgaolo tsa bopalamente bosheng, banni ba supa fa Moshupa/Manyana e sa ba berekele.
Fa a bua mo boemong jwa morafe, Rre Terry Moarabi o ne a tlhalosa fa tsela e e tswang mo Manyana e ya Moshupa e sa siama, ka jalo e dira gore go nne thata go tsaya ditlamelo kwa Moshupa.
O supile fa Moshupa a le kgakala le bone e bile go dirwa bogolo thata ke gore ga go na ditsela tse di ba gokaganyang.
“Gore re ye Moshupa re tshwanetse go feta ka Mmankgodi pele, ka jalo re felela re tlamega go tsaya ditlamelo ka bontsi kwa Mmankgodi le metse e mengwe e e mabapi,” a supa.
A re ba bidiwa Moshupa/Manyana, mme metse e ba tshelang le yone ka boammaaruri ke ya Sehurutshe, e akaretsa Bikwe, Mogonye, Mmankgodi, Tloaneng le Kumakwane, e hone di welang mo Gabane/Mmankgodi.
Rre Moarabi a re kgang eo ga e a ba ema sentle ka ntlha ya gore nako e ntsi ba tsaya ditlamelo kwa Mmankgodi, Thamaga le Ramotswa.
O supile fa ba na le ngwao ya bone e le Batshweneng, e e akaretsang Bikwe, Mogonye, Mmmankgodi, le Tloaneng, e bile ba tshwaragane thata le merafe e e mo kgaolong ya Bahurutshi.
A re ba dirile moalo wa kgaolo o o simololang ka Tswetle, Bikwe, Mogonye, Manyana, Mmankgodi, Tloaneng le Kumakwane, e le fa Bahurutshe ba fitlhelwang teng.
Rre Moarabi o supile fa ngwao, ditumelo le ditso tsa bone di sa tsamaisane le tsa batho ba Moshupa, a supa gape gore ka ntlha ya se, dikeletso tsa bone ga di tsamaisanye.
“Ga re tshwaragano le batho ba Moshupa.
Thulaganyo e e leng teng ga e a re siamela re le banni ba Manyana,
Re bona Mmankgodi e le motse o o re siametseng e bile e le one o o ka thusang metse e mentsi ka kwano ka ditlamelo,” a tlatsa.
Fa a mo tlatsa, Mme Obakeng Motlotleng o supile fa Mopalamente wa bone a sokola.
“Re a lela re le banni ba Manyana.
Ga re tseye ditlamelo kwa Moshupa jaaka go rulagantswe,” a supa.
Fa a ntsha la gagwe, Rre Jonathan Setono o ne a kopa gore go sekasekwe go lebilwe bogolo thata palo ya banni ba Manyana, a supa fa bontsi jwa banni ba ile go batla mahulo a matalana kwa Gaborone.
“Manyana o mediwa ke toropo, jalo go ka lebega e kare banni ba Manyana ba palo-potlana ka ntlha ya gore ba latetse botshelo jo bo botoka kwa Gaborone, jalo kopo ke gore fa le sekaseka kgonagalo ya gore Manyana a ikemele ka bonosi, e nne le Mopalamente wa yone, re kopa gore le seka la lebelela fela palo ya batho,” a kopa.
Fa a ntsha lefoko la kamogelo, Kgosi Kebinatshwene Mosielele o supile fa ngwaga o, go nnile le ditiro di le mmalwa di akaretsa go sekaseka molao-motheo, palo-batho, le go sekaseka melelwane ya botlhophi, a supa fa ditiro tse tsotlhe di nyalana.
O ne a gakolola morafe gore e tlaa re fa lekoko le fetsa thulaganyo ya lone le phatlalale, jalo a ba kopa gore ba tsiboge, ba buelele motse wa bone nako e sale teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : MANYANA
Event : Kgotla meeting
Date : 31 Oct 2022