Kwa Mmankgodi go busa Thobega
31 Oct 2022
Kgosi Thobega Solofelang Thobega o tlhomilwe go nna Kgosi ya Bahurutshe boo Mochibidu kwa Mmankgodi ka Matlhatso mo moletlong o o neng o tshologetswe ke Bahurutshe go tswa mono Botswana Lesotho le Afrika Borwa.
Tiro e, e tla jaana morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe ebong Kgosi Letlole Mmonye Thobega ka 2015.
E re ka Bahurutshe ba bolela fa morafe wa bone e le one o motona ka tlholego mo merafeng ya Batswana, go bo go se thona gore kgosi ya bone e apesiwe nkwe.
E ne ya re fa a mo apesa, Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena a tlhalosa fa go tsere lobaka gore ba ntlo ya bogosi ba tseye tshwetso ya go supa yo o tlhatlhamang Kgosi Thobega.
O supile gore matshwititshwiti a Bahurutshe ba ba neng ba tsile kwa moletlong oo ke sekao sa gore ba amogela kgosi.
Kgosi Kgari o tlhalositse gape gore o itumedisitswe ke gore borangwaneagwe kgosi ba supile kemo nokeng.
Kgosi Kgari III o boletse fa a berekile le moswi Kgosi Thobega e le motsadi, a mo gakolola e bile a mo kaela, selo se a supileng fa se tshwanetse go tswelela go ya pele.
E rile a ntsha la gagwe, tona mo ofising ya ga Tautona, Rre Kabo Morwaeng a re moletlo wa go tlhoma Kgosi Thobega ke wa go ipelela ngwao le ditso tsa Setswana.
A re lefatshe le le itshwareletseng ka ditsamaiso tsa ngwao le nna le ledula, kagiso le thokgamo e bile le nna le bopagane. Ka jalo o akgoletse ahurutshe go ingangatela ka segabone.
O ne a gakolola gore mafoko a tautona wa ntlha, Sir Seretse Khama a a reng ‘tshaba e e senang ngwao ke mokang e sule,’ a tshwanetse go agelwa mosako.
A re go somarela ngwao le go ipela ka yone go botlhokwa e bile boswa jo, bo tshwanetse go fetisediwa kwa dikokomaneng.
Tona Morwaeng o kopile magosi go tsaya boikarabelo ka go nna sekao mo go bopaganyeng tshaba.
O kopile magosi gape gore ba dibele seriti sa bogosi.
A re go na le matlhasedi a bangwe ba ba dirisang bogosi go kgaoganya setshaba le go lere dikgotlhang, mme ba tshwanetse go kgalelwa go dira jalo ka gore tiro ya bogosi ke go bopa le go aga e seng go kgaoganya.
Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Sethabelo Modukanele o tlhalositse gore bogosi bo tswa goo-Lowe, le fa lefatshe leno le tsaya boipuso merero ya lefatshe le e ne e ntse e tsamaisiwa ke magosi.
O ne a tlhalosa gore e ne ya re lefatshe le le tsaya boipuso ka 1966 ga tshwanela ke gore letshego le ka le le botlhokwa mo pusong ya batho ka batho le tsweledisiwe ka Motswana a dumela gore kgosi letlharapa le kotangwa ke dinonyane tsotlhe gape kgosi thotobolo o olela matlakala.
Rre Modukanele o gateletse botlhokwa jwa bogosi mo lefatsheng le a bo a supa fa bogosi bo tsweletse ka go tsisa kagiso le thokgamo.
O ne a kgothatsa Kgosi Thobega gore a tshware ka thata a nne moeteledipele yo o lerato mo morafeng, a nne boineelo le bopelotelele.
Le fa go na le dikgwetlho tse di lebaganeng bogosi, Rre Modukanele o gakolotse Kgosi Thobega gore tseo e seka ya nna sekgoreletsi mo tirong ya gagwe mme e nne seikokotelo sa gore a tlhoafalele go direla morafe.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Victor Suping go tswa Afrika Borwa a emetse Bahurutshe ba Lehurutshe, o tlotlomaditse puso ya lefatshe leno mo go supeng kgatlhego mo ditsong tsa Setswana.
Ka jalo o kopile gore borara jotlhe jwa Bahurutshe ba netefatse gore go nna le therisano morafe le one o itse gore ntleng le bogosi ‘re latlhegile’.
Mopalamente wa Gabane/Mmankgodi Rre Kagiso Mmusi o lebogetse Bahurutshe kemo nokeng le go netefatsa gore tsotlhe di apara tshiamo.
Kgosi Kebinatswene Mosielele wa Bahurutshe Boo-Ntsho kwa goo Manyana ene o ne a leboga Bakwena, Bangwaketse le Bangwato ka gore Bahurutshe e nnile morafe wa bofelo wa Batswana go goroga mo lefatsheng leno ba tshaba dintwa tsa maburu kwa Afrika Borwa mme ba ba amogela.
A re lekgotla la UNESCO le rotloetsa mafatshe go ipela ka ngwao. Ka jalo a re go tshwanetse go tlhomamisiwe gore mekgwa le ditsamaiso tsa ngwao ya Setswana di tshwana le meila le kalafi ga di nyelele.
O tlhalositse gore morafe wa Bahurutshe go ya ka ditso o motona mo merafeng yotlhe ya Batswana ka gore Kgosi Phofu e ne e le ene modi wa merafe ya Batswana.
Kgosi Phohu o ne a na le malapa a mabedi mme a tshola mosetsana a bidiwa Mohurutshe kwa ntlong e tona mme mo lelapeng la bobedi a tshola barwa ba le bararo e bong Kwena, Ngwaketse le Ngwato.
A re ka jaana Mohurutshe e ne e le mosadi, a bo a tlolwa ke setilo sa bogosi se ya kwa go bo kgaitsadie ba lelapa le lennye.
Kgosi Selelo Moroka wa Lerala le ene o akgoletse Bahurutshe tiro e ntle e ba e dirileng ya go somarela ngwao.
A re merafe e e duleng mo Bahurutsheng ke Bakgatla, Bapedi le Batswapong.
E rile fa a amogela setilo, Kgosi Thobega II a re go tlhomamisiwa ga gagwe mo bogosing jwa Sehurutshe ke kgatelo pele.
A re o simolotse tiro ya bogosi ka 2019 sehularong sa ga rraagwe, mme o eletsa thata go bona diphetogo tse di tlaa nnang le morero mo Mmankgodi.
A re o eletsa fa bogwera le bojale di ka boela mo tirisong go fokotsa botlhoka-tsebe jo bo apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba.
O ikanne go bereka ka morero le boineelo.
Kgosi Thobega Solofelang Thobega II o tshotswe ka 1956.
O kile a berekela kwa meepong ya Afrika Borwa dingwaga di le tlhano kwa Thabane mme mono gae o kile a direla Debeers pele ga a simolola tiro ya bogosi ka 2019. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MMANKGODI
Event : Tlhomo ya kgosi
Date : 31 Oct 2022