Khansele e batla megopolo ya maina
30 Oct 2022
Khansele ya Gaborone e ne ya re bosheng ya tshwara diphuthego mo dikgaolwaneng tsa Block 6 le Phase 4 go fa banni sebaka sa go tla ka maina aa ka fiwang dikole tse di potlana mo dikgaolong tseo.
Banni ba tlhaloseditswe gore leina le ba le tlhopang, le tshwanetse la tswa ka mongwe wa bone mme ebile bangwe mo phuthegong ba tshwanetse ba dumalana le lone. Mo godimo ga moo, leina le le tlhophilweng le tshwanetse la nna le bokao kana boleng mo lefatsheng kgotsa mo kgaolong e sekole se leng mo go yone.
Banni ba ka tlhopha maina a le mararo, morago ga phuthego eo, go nne ditlhopo ka maina a mararo ao, gore le le nang le dipalo tse di kwa godimo e nne lone le le yang fa pele go sekasekwa ke bagolwane ba thuto.
Mokwaledi mogolo wa thuto kwa khanseleng ya Gaborone Rre Emmanuel Swapo, o ne a tlhalositse gore maina a ba a tlhophang, a tsile go tsewa ka bokao jwa one, a bo a isiwa kwa bagolwaneng ba khansele ya Gaborone gore ba a sekaseke.
Rre Swapo a re, go tswa foo maina ao, a tlaabo a fetisetswa kwa phuthegong ya makhanselara, kwa a tlaa nnang le tshekatsheko, mme la bofelo a isiwe kwa lephateng la thuto, kwa le teng bogogi jwa thuto bo tlaa ikgotsofatsang ka maina a morafe o a tlhopileng.
O ne a tswelela a tsibosa morafe gore mme le fa go ntse jalo, ba itlhopetse leina le ba le batlang, go ka nna le kgonagalo ya gore ere le tsamaa le kanokiwa jalo, bogogi bo felele bo sa dumalane le leina le le tlhophilweng.
O ne a tlhalosa gore mme fa leina le sa dumelwa, banni ba bolelelwa e bile ba fiwa mabaka. Rre Swapo o ne a tswelela a re lephata la thuto le kgona go feleletsa le dule ka leina le jaanong le rebotsweng ke bone.
Le fa go nste jalo, Rre Swapo o ne a re fa maina a tsamaile sentle mo kanokong, sekole se nna le setlankana se se nang le leina le le itlhopetsweng ke banni.
O ne a tswelela ka gore, morago ga leina le amogelwa, le rurifadiwa le bo le phatlaladiwa mo bukaneng ya puso ya Government Gazette.
Baagi ba Block 6 ba ne ba na le maina a le mararo a ba neng ba eletsa gore sekole sa bone se ka bidiwa ka one, eleng Dr Gaositwe Chiepe, Morula le Paul Rantao.
Ba ne ba fa bokao jwa gore Dr Gaositwe Chiepe o diretse lefatshe thata, bogolo jang mo go tsa thuto, e bile ele mosadi wa ntlha go etelela lephata la thuto.
Fa leina la Morula ba ne ba tlhalosa fa sekole se agilwe fa tlase ga setlhare se setona sa morula, e bile le yone phuthego e e neng e kopa maina e ne e tshwaretswe ka fa tlase ga setlhare sa morula.
Mo go laboraro la Paul Rantao, le lone fela jalo jaaka Dr Gaositwe Chiepe, ba ne ba re Rre Paul Rantao o diretse lefatshe la Botswana thata mo go tsa sepolotiki, e bile o nnile sekao mo kgolong le go aga sepolotiki sa lefatshe leno.
Kwa Phase 4, banni ba ne ba sokola thata ka go tlhopa leina ka jaana maina a le mararo a ne a sena ope o o neng a dumalana le bone. Ba ne ba tswa ka maina a Motheo, Jerry Moroka le Linah Mohohlo , mme otlhe a seka a atlega.
Le fa gontse jalo, ba ne ba tswa ka maina a Morula, Marulamantsi le Dr Gaositwe Chiepe.
Fa ba ntsha mabaka, morafe o ne wa tlhalosa gore kgaolwana ya Phase 4 e agilwe mo maruleng le sone sekole se fa tlase ga ditlhare tsa marula ka jalo ba eletsa gore sekole se bidiwe Morula kgotsa Marulamantsi.
Maina a a tla yang go sekasekwa ke bogogi jwa thuto go fiwa dikole tse disha , ke Morula kwa Block 6 le la Marulamantsi kwa Phase 4.
Leina la Morula kwa Block 6 le ne la fenya ka palo ya batho ba le masome mararo le bosupa, le gaisa la Paul Rantao ka palo ya borataro le Dr Gaositwe Chiepe ka masome a mararo.
Mme kwa Phase 4, Morula o ne wa bona dipalo di le supa, fa Marulamantsi le ne la bona masome a mabedi le bone mme Dr Gaositwe Chiepe la bona lesome le bobedi.
Mogolwane wa khansele ya Gaborone Rre Lebuile Israel, o ne a tlhalosa fa dikole tse ka bobedi di le mo seemong se se nametsang sa go ka bulwa ka ngwaga wa 2023.
Rre Israel a re sekole sengwe le sengwe se ne se abetswe madi a a kanang ka P80 million, mme le fa go ntse jalo ba ne ba dirisa P50 million go aga dikago tsa sekole fela tsa borutelo, fa dikago tsa boroko jwa barutabana tsone di agilwe ka P23 million.
O tlhalositse gore madi aasetseng a tlaa agelela dikole tsoopedi. Bokhutlo
Source : Bopa
Author : Ketshepile More
Location : GABORONE
Event : Diphuthego tsa khansele
Date : 30 Oct 2022