Potlakelang seemo sa sekole sa Modisi - Letsholo
30 Oct 2022
Bodiredi jwa khansele Potlana ya Kanye bo gakolotswe go hehogela go baakanya gase e e dutlang kwa sekoleng sa Modisi le go tlatsa ditimamolelo ka jaana seemo se, se ka tsenya matshelo a batho mo diphatseng.
Go boletswe gore diemo tseo fa di ka letlelelwa go tswa mo taolong di ka baka mathata a jaanong a ka lopang puso madi a mantsi.
Mopalamente wa kgaolo ya Kanye Bokone Rre Thapelo Letsholo o buile se a araba dilelo tsa bodiredi jwa sekole se sebotlana sa Modisi kwa motseng wa Moshana, ba ba neng ba lela ka tlhaelo ya didirisiwa.
Go le pele modiri wa ko boapeelong, Mme Kgomotso Itheetseng o ne a ikuela ka metsi a a sa gorogeng sentle mo sekoleng, mo go kgoreletsang tiro ya bone ele baapei.
O ne gape a supa fa gase e e apayang e dutla, mme gape ditimamolelo di se mo tirisong.
“Gase e e apayang e a dutla, mme ditimamolelo tsa rona di sale di tladiwa ka labofelo ka 2015.”
Morutabana kwa sekoleng seo Rre Billy Baikgantshi a tlhalosa fa ba sena ntlwana ya borutelo ya bana ba bannye, ka jalo ba tshwanelwa ke go ba pitlaganya mo lefelong le lennye. O ne gape a supa fa sekole sa bone se tlhokana le motlobo wa dibuka go thusa bana mo dithutong tsa bone.
Mo godimo ga moo, Rre Baikgantshi o kaile fa bodiredi jwa sekole bo dirisa ntlwana ya boitiketso e le nngwefela, ntswa bone ba feta lesome le botlhano ka palo. A re gape ba tlhaelelwa ke didirisiwa ka bontsi, di akaretsa ditafole.
“Tota sekole sa rona se tlhaelelwa ke didirisiwa ka bontsi, le tsone ditafole re di tlhakanela le bana ba sekole.”
Mo dikgannyeng tse dingwe, o kopile gore matlo a bodiredi a shwahadiwe ka jaana a supa a le magologolo, ebile mangwe a phatlogile. A re thulaganyo ya go shwahatsa dikago tsa sekole seo e sale e dirwa labofelo ka ngwaga wa 2017.
Rre Baikgantshi o tshweletse gape a kopa puso gore e ba tsenyetse lobone lo lotona lo lo ka gasang lesedi mo sekoleng ka bophara. A re ere ntswa Ipelegeng e leka go fokotsa ditlhare, sekole sa bone se sekgwa ka jalo ga go a sireletsega.
“Sekole sa rona se tletse sekgwa ka gore ditlhare ga di ntshiwe, jaanong ban aba ralala sone sekgwa se bay a matlwaneng a boitiketso. Go borai mo matshelong a bone, mme le sone sekgwa se se oka dirukutlhi mo sekoleng.”
Erile a tswa la gagwe, modiri ka ene Rre Jimmy Mononi a kopa puso gore e sekasekele maloko a komiti ya batsadi le barutabana go atswiwa ele tsela ya go ba rotloetsa go dira ka natla.
“Komiti ya batsadi le barutabana ke karolo e e botlhokwa ya thuto, mme ya mono e goga dinao mo ditirong tsa yone. Go ba akanyetsa ka dikatso go ka ba kgothatsa go dira tiro ka maatla.”
O ne gape a kopa gore mokhanselara a nne le ofisi e a thusetsang setshaba mo go yone ka jaana ele ene a dirang le morafe ka dikgang tsa bone tsa malatsi otlhe.
Erile a ba kgwa dikgaba, mogolaganya ditirelo tsa go isa ditlamelo kwa bathong wa kgaolo potlana ya Kanye, Mme Keneilwe Seidisa a tlhalosa fa ditimamolelo di setse di rekilwe mme dithulaganyo tsa gore di tsenngwe kwa di tshwanetseng teng di tsweletse.
O ne a tlhalosa gore ere ntswa khansele e na le kgwetlho ya letlhoko la madi, bogolo jang mo letlhakoreng la dikago, ba tlaa tsibogela dikgwetlho tsa potlako mo nakong e e sa fediseng pelo.BOKHUTLO
Source : Bopa
Author : Kehumile Moekejo
Location : MOSHANA
Event : Phuthego ya komiti ya batsadi le barutabana
Date : 30 Oct 2022