Komiti e filwe beke tse pedi go ntsha pego
30 Oct 2022
Komiti ya pele ya Cgae Cgae Tlhabololo Trust e e paletsweng ke go ntsha pego ya madi a ngwaga wa madi o o fetileng le ntswa ene e filwe dikgwedi tse tharo go dira jalo, e filwe dibeke tse pedi go fa morafe pego ya madi e e dupilweng.
Go palelwa ke go ntsha pego eo, ga o a itumedisa morafe wa motse wa Xaixai kwa Bokone Bophirima ka jalo ba kopa gore komiti eo, e dire jalo. Ntswa go na le tiego, go ne ga dumelanwa gore go ka tswelelwa ga tlhophiwa komiti e ntsha.
Ba buile se kwa phuthego ya Cgae Cgae Tlhabololo Trust ya ngwaga le ngwaga e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Xaixai bosheng,e e neng e tsenwe ke Molaodi wa Kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Thabang Waloka le bodiredi jwa puso jo bo tsamaisang di Trust le morafe wa Xaixai.
Modupi wa tsa madi go tswa kwa komponing ya MAZARS Mme Shirley Katoroora o ne a supa fa ba paletswe ke go dira tiro ya bone ka dipamiri tsa theko dingwe di ne di tlhaela.
Le fa go ntse jalo Mme Katoroora o ne a tlhalosa fa ba dirile pego ya madi ya ngwaga go tswa tshimologong ya Moranang ya ngwaga wa 2021 go fitlha bofelong jwa kgwedi ya Mopitlo 2022.
A re go supa fa Trust eo ene e na le madi a a ka tshwarwang P5 million kwa tshimologong ya nako eo mme ya re ka Mopitlo wa ngwaga ono o wela ya bo e setse ka a fetang didikadike di le tharo.
Modulasetilo wa komiti ya pele Rre Aaron Salepito o ne a tlatsa fa madi a a setseng mo letloleng go tswa kgweding ya Mopitlo go fitlha mo nakong ya gompieno a feta P2. 4million.
Rre Salepito o ne a tlhalosetsa morafe fa komiti ya bone e ne ya re gole pele ya kopana le dikgwetlho tsa go tlhoka letseno go tswa ngwageng wa 2018 go fitlha ngwaga wa 2020.
Mme a tlhalosa fa ba ne ba nna lesego go tswa ngwageng wa 2021 fa go bulelwa letsomo mme Trust ya simolola go dira madi.
A re mathata a mangwe e ne ele go tlhoka kitso ya go tsamaisa Trust mme a re ba ne ba tsena dithuto seka dipuisanyo go ithuta mo go ba bangwe.
O ne a re maiteko a bone ke go tsosolosa lebala la difofane, go direla motsana wa Xubi sediba, go reka koloi le go gokela maranyane kwa sekolong.
Ka jalo ditlhopho di ne tsa tshwarwa ka Labotlhano. Mo potsolotsong Modulasetilo wa Komiti ya motse ya ditlhabololo mme Venaune Keharara o ne a supa fa ditlhopho tsa maloko a Trust di tsamaile sentle ka thulaganyo ya molao motheo.
Mme Keharara o ne a re bangwe ba ne ba le kgatlhanong le gore maloko a pele a emele ditlhopho tseo mme a re tsetana nngwe ya molao motheo ene ya ba letla.
Ka jalo Rre Salepito o ne a tlhophiwa gape go nna Modulasetilo, mothusi wa gagwe ya nna Rre Tjiraora Karamata yo mosha mo komiting e.
Motshwara madi wa pele mme Kutjiongo Marenga o boetse e le leloko la tlaleletso fa Mme Dineo Sebongo ele ene motshwara madi.
Kagiso Xixae ke mokwaledi a thusiwa ke mme Kedibonye Xii, yo le ene a seng mosha mo komiting. Go ne ga tlhophiwa maloko a tlaleletso a le matlhano. BOKHUTLO
Source : Bopa
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : XAIXAI
Event : Phuthego ya Cgae Cgae Tlhabololo Trust
Date : 30 Oct 2022