Mokgatlho o ipelela letsatsi la bagolo
27 Oct 2022
Mokgatlho wa Ntshegetse ke go Tshegetse o o itebagantseng le bagodi kwa Mahalapye o ne o ipelela letsatsi la mafatshefatshe la bagolo ka Laboraro, molaetsa e le go ka ya fa bogodi e se botsofe e le tshegofatso.
Mokgatlho o, o itebegantse le go fa bagolo tlhokomelo e ba e tlhokang jaaka go ba thusa go itshidila, go ba tseela melemo kwa dikokelong le go thusa bana ba bana ba ba nnang le bone ka tiro ya sekole.
Kgosi Albert Moseki wa kgotla ya Dilaene 2 kwa Mahalapye, o akgoletse mookamedi ebile e le motlhami wa mokgatlho bo pelotelele, are ke mongwe wa ba ba tshwanetseng go lebogelwa tiro e ntle mo setshabeng.
Kgosi Moseki a re o eletsa gore se se diriwang ke mokgatlho, e ka nna sekao mo Batswaneng botlhe go leka ka bojotlhe go tlhokomela bagolo.
O kaile fa mokgatlho o dira gore bagolo ba nne ka boitumelo gore malwetse a bone a fokotsege ka ebile le go itshidila mmele ba itshidila mmele mo bokopanong jwa bone.
Miss Africa Plus Size Bw, ebile e le mooki wa malwetse a a sa tshelwaneng kwa sepateleng sa Mahalapye, Mme Glorious Kaisara o supile fa bagolo ba tshabelelwa ke malwetse a a sa tshelwaneng a gantsi a bakiwang ke gore go itshidila mmele go a fokotsega fa bangwe bagolo ba nna ba le nosi mo malwapeng
O ba Ntshegetse ke go Tshegetse go bo ba thusa bagolo go kopana le ba bangwe, ba kgone go itumela mo go ka fokotsang malwetse mangwe a a sa tshelwaneng.
Mme Kaisara o rotloeditse bagolo go ja dijo tsa dikotla tse di siametseng mebele ya bone ka selekanyo se se beilweng.
O abetse mokgatlho ditilo di le 20, printer, dijo le diaparo tsa bana le bagolo, a supa fa a tlaa tswelela a thusa fa go tlhaelang teng a bo a tshwaragana le mokgatlho go godisa tiro e ntle e e o dirang.
Mookamedi wa mokgatlho, Rre Onkagetse Present o kaile fa ba tlhokana le lefelo le e leng la bone ka gore le ba le dirisang ba le adimilwe.Are ba batla gore fa go na le bagolo ba ba nnang ba le nosi ba kgone go ba fa boroko.
O supile gape fa ba tlhoka sepalamo se se ka isang bagolo gaufi le ditlamelo. BOKHUTLO
Source : Bopa
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : Letsatsi la mafatshefatshe la bagolo
Date : 27 Oct 2022