Tshenyo ya dipompo e a tshwenya
27 Oct 2022
Ba khamphani ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) kwa Serowe ba ngongoregela tshenyo ya dipompo tsa metsi le go tlhoka go dirisa ditirelo tsa kgopho ya metsi a a leswe sentle ga banni ba koo.
Fa a bua kwa bokopanong jwa WUC le ba-na-le seabe mo go tsa tiriso ya metsi ka Laboraro kwa Serowe, mogolwane wa tsa kanamiso ya metsi kwa kgaolong ya Serowe, Rre Moabi Lebakeng o ne a re go makgetho a mantsi diphaephe tse di anamisang metsi di senngwa e bile di bonala gore di ne di itewa ka sengwe gore di ntshe metsi di nose leruo, bogolo jang kwa dikgweng kwa go nang le leruo teng.
A re diphaephe tse di felela di dira gore kanamo ya metsi mo metseng e kgoreletsege ka ba a bo ba santse ba le mo tirong ya go di baakanya.
O supile gape gore mo moalong wa diphaephe tsa kgopho ya metsi a a leswe, go nna le tshenyo mme se se dire gore metsi a a leswe a kgoreletsege go ya kwa a tshwanetseng go ya teng.
Rre Lebakeng a re e a re ba baakanya diphaephe tsa kgopho ya metsi a a leswe, ba rakane le tse di farologanyeng jaaka matlalo a dikgomo, mesangwana ya basetsana, diaparo, mmu le matlakala ka go farologana.
A re bangwe ba latlhela mesangwana ya basetsana mo matlwaneng a boitiketso a a dirisang metsi, e bo e felela e kgoreletsa go tsamaya ga metsi a a leswe go ya matangwaneng, fa bangwe ba latlhela matlakala fa metsi a a letswe a dutlang teng.
Rre Lebakeng o supile fa marekisetso mangwe a dijo le mangwe matlhabelo kwa Serowe, e le bangwe ba ba kgotlelang diphaepheng tsa kgopho ya metsi a a letswe ka go tsholola mafura, moswang le madi.
A re ka tsamaiso, marekisetso a dijo le matlhabelo di tshwanetse di nne le ditlamelo tse di ntshang madi, moswang le mafura pele ga metsi a a leswe a tshelwa mo diphaepheng tsa kgopho leswe mme ga di yo.
Rre Lebakeng o ikuetse mo banning ba Serowe ba ba inaakantseng le tshenyo ya diphaephe tse di tsamaisang metsi go emisa nokgwa oo ka o kgoreletsa kgopho ya metsi a a leswe le kanamiso ya metsi a a nowang.
O kopile setshaba go emisa go latlhela tse di sa tshwanelang mo diphaepheng tsa kgopo ya metsi a a leswe.
Mo go tse dingwe, Rre Lebakeng o supile fa selekanyo sa 70 per cent ya metsi a a nowang kwa Serowe e le a a tswang mo phaepheng ya North South Carrier (NSC) fa selekanyo sa 30 per cent, se tswa kwa didibeng.
Rre Lebakeng o lekodisitse phuthego eo fa e ne ya re ka Phatwe ba khamphani ya metsi ba seka ba kgona go anamisa metsi a a lekaneng kwa Serowe, ntateng ya go thubega ga phaephe e e tsisang metsi mo Serowe e tswa Palapye.
A re e ne ya re morago ga go baakanya phaephe eo, ga nna le tshenyo ya phaephe ya metsi mme ga tsaya sebaka metsi a sa aname sentle mo motseng.
Le fa go ntse jalo a re seemo jaanong se boetse mannong.
Rre Lebakeng a re lenaneo la go gokekelela kgotla ya Mannathoko kwa Serowe le metse ya Paje le Mabeleapodi mo phaepheng ya metsi e e tswang bokone e ya borwa e weditswe mme e na le dikgwetlho di le dintsi.
A re konteraka e e neng ya thapiwa go dira lenaneo leo e ne ya dira diphoso di le dintsi mme mo makgethong a mantsi diphaephe di a thubega di bo di baakanngwa, ka jalo, go nne le letlhoko la metsi kwa Paje le Mabeleapodi.
A re kwa Dimajwe, banni ba ne ba anwa mo didibeng di le pedi mme ga lemotshega fa di kgotlelesegile.
A re mo nakong eno motse oo o tsisediwa metsi ka ditanka mme WUC e mo lenaneong la go aga tanka ya metsi kwa motseng oo e bile ba setse ba bone madi a go dira jalo.
Rre Lebakeng o supile fa WUC e na le kgwetlho ya diphaephe tse di anamisang metsi mo kgaolong ya Serowe ka di le dikgologolo e bile di tlhokana le go ntshafadiwa.
A re ba tsentse kopo ya madi gore ba kgone go di tlhabolola.
O supile fa WUC e na le kgwetlho e nngwe ya tshenyo ya dipompo tsa metsi tsa setshaba, go utswiwa ga megala ya motlakase mo go felelang go kgoreletsa kanamiso ya metsi le go dirisa madi a mantsi go baakanngwa tse di sentsweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Bokopano jwa WUC
Date : 27 Oct 2022