Go rotloetsa botswerere jwa bana go botlhokwa
26 Oct 2022
Go lemoga le go rotloetsa botswerere jwa bana ba sale bannye go botlhokwa ka go ka thusa gore ngwana a nne le se a ka itshetsang ka sone kwa ntle ga se se ka lerweng ke dithuto kwa sekoleng.
Ka jalo botswerere bo ka thusa ngwana isago, bogolo jang ka e se botlhe ba ba bonang ditiro fa ba aloga mo dikoleng.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mokibe kwa Shoshong Mme Cecelia Motlhaping o ne a bua jaana kwa moletlong wa go supa botswerere jwa bana jo bo bidiwang Mokibe Got Talent kwa sekoleng seo bosheng.
Maikaelelo a moletlo o, o o neng o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo sa Le Ojwa Le Sale Metsi, e ne e le go supa fa ngwana a tshwanetse go tsenngwa mo tseleng a santse a le monnye gore a gole ka boitsholo jo bo amogelesegang mo setshabeng.
Mme Motlhaping a re maikaelelo a bone ke go lemoga bokgoni jwa bana mo dilong tse di farologanyeng, ka go ka thusa go bopa boitsholo jwa bone go ya pele.
Mo maikaelelong a letsatsi, morutabana wa tsa metshameko le ngwao, Rre Jairus Malele o ne a re ba batla go kgobokanya madi go tsosolosa lelwapa la ngwao mo sekoleng sa bone.
Rre Malele a re ba na le ntlo ya Setswana e e setseng e onetse, mme ba bona go le botlhokwa go kokoanya madi gore e baakanngwe, bana ba tle ba rutwe ka ngwao sentle.
O tlhalositse fa ba batla go tsenya didirisiwa tse di farologanyeng tsa Setswana kwa lelwapeng leo, jaaka serala, segotlo, setlaagana le go baakanya sediba se se teng gore ba kgone go ruta bana dilo tse ba di bonang e seng ba bolelelwa dilo tsa setso go tlhotlheletsa kitso.
Rre Malele o supile fa sekole sa Mokibe se sa dire sentle kwa maduong a lokwalo lwa bosupa, ka jalo ba bona go le botlhokwa go lemoga ditalente tsa bana ka moletlo wa Mokibe Got Talent.
O tlhalositse fa bodiredi jwa Mokibe bo batla go supa le go lemoga dikitso tse ba ka nnang motlotlo ka tsone mo setshabeng.
Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o akgoletse batsadi thotloetso ya bone go tla go bona se bana ba se dirang le barutabana.
A re bana ba tlhoka thotloetso ya batsadi gore ba kgone go aloga.
O supile fa bana ba batla go lemogwa le go akgolwa ke batsadi mo go se ba se dirang gore ba dire ka natla.
Rre Lesaso o tlhalositse fa molaetsa wa letsatsi o le maleba ka gore go ruta bana botho ke nngwe ya tsela ya go godisa bana sentle, mme a supa fa e se tsela ya go diragatsa melawana ya sekole fela e le go ruta bana mo ba tshwanetseng go go dira go ya pele mo botshelong.
O boletse fa lefatshe le na le dikgwetlho mme a re ba tshwanetse ba kopana e le bodiredi go rutana go fenya mathata a mofuta o.
Mopalamente o gakolotse gore go simololwe ka bana fa go rutwa ka ngwao gore ba tle ba rute bana ba bone ka e le batsadi ba kamoso, ka jalo ba sa tshwanela go lebalwa.
A re ke nako ya gore bana ba rutwe go ya go feta Tebelopele ya 2036, a akgola botlhe ba ba rotloeditseng tiro e, le barutuntshi botlhe ba ba nang le seabe mo go diragatseng ga bana.
O supile fa e le maiteko a mantle go lemoga bokgoni jwa bana ka gore bo ka thusa go aga boitsholo jwa bone go ya pele. Bokhutlo
Source : Bopa
Author : Gaone Fati
Location : SHOSHONG
Event : Moletlong wa go supa botswerere jwa bana
Date : 26 Oct 2022