Breaking News

Bokopano Trust le boora Hoes ba supa kutlwelobotlhoko

26 Oct 2022

Tlhaelo ya matlo a borutelo ke sengwe sa tse di ka kgoreletsang maiteko a go fa baithuti thuto ya boleng jo bo rileng.

Go araba selelo se kwa sekoleng se sebotlana sa Makolojwane kwa Serowe, basimolodisi ba lekgotla la bana la bopelotlhomogi la Bokopano Trust, Rre Erwin le Mme Trudele Hoes ba ne bosheng ba abela sekole seo ntlo ya borutelo ya dikamore tse pedi ga mmogo le ntlwana ya boitiketso tse di lopileng P650 000.

Rre Hoes, yo o boletseng fa ene le mohumagadi wa gagwe ba simolotse go nna kwa Serowe ka 2005, a re ba ne ba lemoga fa go na le letlhoko le lentsi mo baneng ba dikgotla tsa Makolojwane, Metsimasweu le Tidimalo, mme seo sa ba gwetlha go tsiboga.

A re ka lekgotla la bone la Bokopano Trust, ba ne ba itlhophela go thusa mo go tsa thuto, mme ba ne ba ikgolaganya le bagolwane ba thuto kwa Serowe go tlhola gore ba ka thusa jang sekole sa Makolojwane kwa ba neng ba lemogile fa go na le palo e ntsi ya baithuti ba ba tshelang ka letlhoko.

Kgato e, a re e ne e tla morago ga tshwetso ya puso ya ngwaga wa 2015 ya gore pele ga ba ka simolola lekwalo la ntlha la sekole, baithuti ba bo ba tseneletse dithuto tsa tonto-tshipidi, mme a supa fa ba ne ba dumalana le bagolwane ba thuto le bogogi jwa sekole go thusa ka ditsela tse di farologanyeng.

Dingwe tse di neng tsa dumalanwa, Rre Hoes o boletse fa di ne di akaretsa tetla ya gore Bokopano Trust e agele baithuti ba sekole sa bananyana matlo a borutelo a le mabedi, ya ba thusa ka dibuka e bo e fepa bana bao ka sefitlholo.

Mo godimo ga moo, a re go ne gape ga dumalanwa gore ba rekele bana ba ba tlhokang thuso paka ya sekole.

Rre Hoes o ne a tlhalosa fa ka nako eo sekole sa Makolojwane se ne se na le ntlo e le nngwe e e neng e sa dirisiwe sepe, e ba neng ba letlelelwa go e dirisa go fela baithuti ba sekole sa bananyana dithuso mo go yone, tiro e a supileng fa ba simolotse go e dira ka ngwaga wa 2016.

Rre Hoes, yo ene le mohumagadi wa gagwe ba tlholegang kwa lefatsheng la Nertherlands, o supile boitumelo gore fa e sale ba simolola tshwaragano ya bone le sekole sa Makolojwane, dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole di ne tsa wela tlase thata.

E rile a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Baraedi Bagwasi o ne a bolela fa ba itumelela mpho eo mme a solofetsa fa ba e tlhokomela gore e ba sologele molemo ka lebaka le leleele.

Go sale foo, Mme Bagwasi o supile fa sekole sa bone se tsweletse ka go ntsha maduo a a nametsang mme a solofetsa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go a tokafatsa.

A re ka ngwaga wa 2020 mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ba ne ba bona 77.7 per cent, fa ngwaga o o fetileng ba kgonne go latlhela lentswana go ya kwa go 80.2 per cent. Bokhutlo

Source : Bopa

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Kabo ya matlo a borutelo

Date : 26 Oct 2022