Breaking News

Tsibogelang tshotlako ya kgomo

26 Oct 2022

Leloko la komiti ya twantsho bogodu jwa leruo ya Matho a Rona Rotlhe, Rre Blackie Seikabelo o gwetlhile barui go emela tshotlako ya kgomo ka dinao.

Fa a bua kwa thuto-puisanyong e e neng e itebagantse le twantsho bogodu jwa leruo kwa Tsootsha bosheng, Rre Seikabelo a re kgomo e a sotlakwa ntswa ba tshela ka yone.

A re kgomo e dirwa dilo tse di gakgamatsang, jaaka go khinwa, go tshubiwa gongwe le gongwe le go kgaolwa mesifa.

“Tshotlako e e dirwang mo kgomong, fa e ka bonwa ke motho yo o jang nama ya kgomo a le kwa European Union o ka reng?”

O ne a tlhalosa gore maikaelelo a setlhopha sa Matho a Rona Rotlhe ke go fenya ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo.

A re toro ya bone e ka diragala fela ka tshwaragano ya bone le morafe le mapodisi.

Fa a bula thuto-puisanyo eo, mogolwane mo lephateng la tshireletsego ya setshaba kwa Ghanzi, Superintendent Kenaope Sengape o supile fa kgaolo ya Tshootsha e le boremelelo jwa bogodu jwa leruo.

Superintendent Sengape a re fa mafoko a ga Moruti Wamorena Hange a ka agelwa mosako, a gore ‘fa go na le kgomo kgotsa podi e e seng ya gago mo sakeng la gago e siele metsi fela go fitlhelela e bona mong’ bogodu jwa leruo bo ne bo ka ya kwa tlase.

A re fa morafe o ka nna ngata e le nngwe le mapodisi ba ka fenya ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo.

O ne a leboga mokgatlho wa Matho a Rona Rotlhe a re tema ya bone e a bonala, mme a ba kgothatsa go tshwara ka natla.

A re fa mekgatlho e mengwe ya twantsho borukutlhi e ka kwatabolotsa mo go wa Matho a Rona Rotlhe borukuthi bo ne bo ka ya tlase.

O ne a supa matshenyego a gore banana ba maoto a tshupa go tsena meletlo e tshwana le e, ntswa ba tshabelelwa ke go amega mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo.

Mookamela mapodisi a Ncojane, Superintendent Moses Khunwane o tlhalositse fa bogodu jwa leruo bo tshwanetse jwa tshwenya mongwe le mongwe ka gore kgomo ke banka ya Motswana.

A re ke ka moo ba tshwereng thuto-puisanyo go tla ka methale ya go lwantsha bogodu jwa leruo le go nonotsha dikomiti tse di lwantshang bogodu jwa leruo.

Leloko la mokgatlho wa Lesha-tshasha ya Ncojane, Rre Kaome Matibesi a re ntswa mokgatlho wa bone o tlhamilwe bosheng, maduo a setse a bonala.

Rre Matibesi o kgadile batho ba ba letlelelang gore leruo le le utswilweng mo masakeng a bone, a re ke go tlhoka boikarabelo.

O tlhalositse fa magodu a utswa ka digongwana, e bile a tlhalosa fa bogodu jwa dihutshane le jone bo tsere phekelo e sele.

Mo mafokong a kamogelo, kgosana ya kgotla ya Leokajane kwa Tsootsha, Rre Japi Segolouwane o ne a re maloko a dikomiti tsa twantsho borukutlhi a dira bosigo le motshegare go lwantsha bogodu jwa leruo ntswa ba tshosediwa ka digai le melamu. ENDs

Source : Bopa

Author : Mothusi Galekhutle

Location : TSOOTSHA

Event : Thuto-puisanyong

Date : 26 Oct 2022