Breaking News

Lekgotla la Baruti le abela kgotla ditilo

26 Oct 2022

Lekgotla la baruti kwa Motokwe le abetse kgotla ya motse ditilo di le masome mane.

Sebui sa tlotla kwa modirong oo ka Labobedi, Kgosi wa pele, Rre Olebogeng Puleng a re go aba ke nngwe ya ditiro tse Modimo a di ratang thata mme e bile go tlhoka go dirwa ka lorato e bile go  sa patelediwe.

A re baruti ba dirile tiro e ntle thata ka e bile ba nna sekao mo diphuthegong tsa bone le go supa boeteledipele ka ba tshwaraganetse tiro eo e le baeteledipele ba dikereke ka go farologana.

Kgosi Puleng a re go abela kgotla ke go supa tlotla e tona mo kgotleng, mme seo se tlotlomatsa motse wa Motokwe.

O ne a supa fa kgotla e le yone bokopano jwa morafe mme mpho eo e tlaa thusa gore ka nako ya diphuthego morafe o kgone go tsaya karolo o sosologile ka ditilo di le teng.

A re go aba ke selo se se kgatlhisang thata ka gore se kopanaya morafe mme go nne le boitumelo.

A re o dumela fa mpho eo e tlaa tlhotlheletsa ba bangwe mo motseng le lefatshe ka bophara go nna le mowa wa go aba o o atileng thata mono e bile lefatshe le tlhabolotswe ke mowa wa go aba ga dikerekere ka go farologana.

O ne a gakolola dikereke go tswelela di tshwaragana ka go dira jalo e le mo Modimo a go eletsang.

A re ba tlogele dintwa le diphapang fa gare ga bone.

Modulasetilo wa lekgotla la dikereke kwa Motokwe, Moruti Tekoyame Bogale a re maikaelelo magolo a bone e ne e le go aba dimpho tse morafe o ka nnang o ba gopola ka tsone.

A re lekgotla la baruti le ne la nna le mogopolo wa go aba mme tota ba sa itse gore ba ka aba eng.

A re morago ba ne ba dumalana go aba ditilo ba lebeletse letlhoko le le mo kgotleng.

Moruti Bogale o ne a supa fa go ne go se motlhofo ka lekgotla leo le sena madi mme ba kopa dithuso mo diphuthegong tsa bone tse di neng di itumelela gore tiro eo e wetse.

A re lekgotla la baruti mo Motokwe le dirwa ke dikereke di le masome mabedi le bobedi mme ba tsweletse ka go dira mmogo gore ba thuse setshaba sa Modimo.

Fa a amogela baeng, Kgosi Batho Tshoso o ne a lebogela tiro e ntle e e dirilweng ke dikereke, a supa fa seo se supa popagano fa gare ga bone.

A re go tswa goo-Lowe dikereke di itsewe ka go aba ka le ditlhabololo tse dingwe mo lefatsheng di dirilwe ke dikereke ka nako ya ga Mmamosadinyana.

Kgosi Tshoso a re dikereke le baruti ba nnile le seabe se setona mo go bopeng lefatshe la Botswana ka le nako eo fa ba simolola go tla ba ne ba ruta dikgosi go bala le go kwala mme ba emisa dilo dingwe tse di neng di le kgatlhanong le Modimo.

A re dikereke di agile dikole le dipatela mo dikgaolong dingwe tsa Botswana jaaka Moeding College, dikokelo tsa Bamalete Lutheran, Scottish Livingstone, Deborah Retief Memorial le tse dingwe go anama le lefatshe.

A re ka jalo dikereke le baruti ba tswa kgakala ba na le seabe mo tlhabololong ya lefathe le setshaba ka kakaretso.

Kgosi Tshoso a re baruti ke baithaopi ka bontsi jwa bone ba sa amogele madi ape mme ga ba ipone tsapa go direla setshaba.

O ne a kopa baruti go rapelela lefatshe la Botswana ka borukutlhi bo tsaya phekelo e sele mme thapelo e le yone fela e e ka bo alafang.

Mo go la gagwe, Kgosi Aobakwe Molaole o ne a lebogela dimpho tseo ka di ntshitswe ka lorato mme e bile di ya go nna le seabe mo go thuseng morafe wa Motokwe.

A re baruti ba supile boeteledipele ka go bontsha setshaba se ba tshwanetseng go se dira ka go aba e le lenaneo la Modimo.

Kgosi Molaole a re ba tlaa tlhokomela ditilo tseo. Ends

 

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Motokwe

Event : Kabo dimpho

Date : 26 Oct 2022