A bodiredi jwa khansele bo ipaakanyetse dikgwetlho - Motshegare
26 Oct 2022
Bodiredi jwa khansele ya Goodhope bo gakolotswe go ipaakanyetsa dikgwetlho tse di tlang le tlhatloso maemo ya khansele.
Khansele-potlana ya Goodhope e sa tswa go tlhatlosiwa maemo go ikemela ka nosi.
Mothusa kgosi-kgolo wa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare o buile jaana a amogela mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo magae, Rre Sethabelo Modukanele mo phuthegong bosheng.
Rre Modukanele o ne a tsile go bolelela banni ba Goodhope fa jaanong kgaolo ya bone e tlaa ikemela ka bonosi e tswa mo kgaolong ya ga Ngwaketse.
Kgosi Motshegare a re bodiredi bo solofele dikgwetlho di tshwana le tshenyetso-setshaba, e e nang le ditlamorago tse di ngomolang pelo jaaka go humanegisa lefatshe.
Bodiredi jone bo ne jwa bolela fa kgato eo e tlhoka boikarabelo jo bo rileng, ka jalo ba tshwanetse go ikgapha mo masuleng ape fela a a ka tsalang dikgwetlho mo tirong ya bone.
Kgosi Motshegare o ne a kopa bodiredi go ikgapha mo tshenyetsong setshaba ka dinako tsotlhe.
A re go le gantsi kgang eo ke yone e simolodisang dintwa mo lefatsheng.
“Keletso ke gore tshenyetso setshaba e e bolaileng batho ba le bantsi go feta dintwa tsotlhe lefatshe ka bophara, e lwantshiwe,” o ne a rialo a tlatsa ka go re fa kgang eo e ka tshwaraganelwa e ka fenngwa.
O kopile bogogi gore bo leke ka thata go direla dilo mo pontsheng fa ba aba ditiro tsa puso ka ke tsone gantsi di rotloetsang tsamaiso e e sokameng.
O boleletse Rre Modukanele gore puso e leke go thusa thata ka bodiredi jo bo itebagantseng le tlhokomelo ya dikago ka jaana bo tlhaela mo kgaolong.
A re dikago ka bontsi di makgasa fa tse dingwe di saletse kwa morago mabaka e le gore bodiredi ga bo a lekana mo kgaolong.
Mopalamente wa kgaolo ya Goodhope/Mabule e bile e le tona wa dipalamo le ditirelo tsa setshaba, Rre Eric Molale o gakolotse morafe gore ga se gore fa kgaolo e ikemela ka bonosi go raa gore go nne le semorafe.
O buile mafoko a morago ga gore monni mongwe yo o neng a tsene phuthego eo a botse gore e re ka jaana kgaolo ya bone e kgaogana molelwane le ya ga Ngwaketse, bone jaanong ba ya go tsaya ditlamelo kae.
Rre Molale a re kgaolo ga e kgaoganngwe ka semorafe mme e kgaoganngwa fela gore Batswana ba kgone go bona ditlamelo segaufi.
O tlhalositse gore kgato eo e tserwe go lebilwe molao-motheo. Ends
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOODHOPE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 26 Oct 2022