Breaking News

Tsayang boikarabelo jwa go lwantsha kgokgontsho

25 Oct 2022

Mookamedi wa lephata la matlhoko a leruo mo kgaolong ya legare, Dr Jaone Sebina a re fela jaaka mongwe le mongwe balemi, barui le babereki ba bone ba tshwanetse ba supe gore ba tsaya boikarabelo jwa go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho ya bong.

A re go a bonala ka dipego tsa letsatsi le letsatsi gore dikgang tsa kgokgontsho ya bong di a diragala lefatshe ka bophara.

O ne a bua jaana ka Matlhatso kwa balemi, barui le badisa ba neng ba kopanetse kwa Kokoro’s Feedlot gaufi le Paje go rutwa ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong.

Dithuto tseo di ne di rulagantswe ke ba Kokoro’s Feedlot le ba lephata la bong.

Dr Sebina a re morui o tshwanetse a itshupe fa a tshwaragane le puso go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho ya bong ka go ne a ela tlhoko gore o kgala dikgang tsa kgokgontsho a bo a dira tse di tshwanetseng.

A re morui o tshwanetse a nne sekai ka go tsaya bana ba badisa ba gagwe kana ba babereki ba gagwe fela jaaka ba gagwe mme a seka a ba kgokgontsha.

A re go le gantsi dikgang tsa kgokgontsho di dirwa ke bahiri kwa merakeng le kwa masimo fa tse dingwe di diragala mo matlhong a bahiri mme ba sa di tsibogele.

Dr Sebina a re morui le ene fa a na le modisa o na le tshwanelo ya gore e re a bona kgokgontsho e diragala jaaka mo dinakong tse dingwe bana ba basetsana ba ba santseng ba le bannye ba fetolwa basadi kana bana ba ba kabong ba le kwa dikoleng ba rontshiwa tshwanelo ya go ya dikoleng, a bo a e tsibogela.

Ka jalo a re ga go na yo o tshwanetseng go leba kgokgontsho e diragala mo matlhong a gagwe a bo a e tlhokomologa.

O ne a kopa balemi le barui go ipelafatsa ka go bona ba fetola matshelo a badisa kana babereki ba bone le bana ba bone ka go tlotlomatsa dikgang tsa bong.
Dr Sebina o ne a rotloetsa balemi-barui go itsane mme ba itse baigisanyi ba bone le go itse dithata le dinonofo tsa baagisanyi ba bone gore ba kgone go thusanya.

A re balemi-barui fela jaaka mongwe le mongwe le bone ba tshwanetse ba itse ditshwanelo tsa bone.

O tlhalositse fa mongwe le mongwe a tsholwa a gololesegile e bile a na le ditshwanelo tse di lekanang mme motho e le ene a ikgodisang kana a inyenyafatsa a bo a felela a wetse kwa tlase.

Ka jalo a re fa ditshwanelo tsa motho yo mongwe di welang teng tsa yo mongwe di simologa foo mme ditshwanelo tsa ga ope ga di a tshwanela go gatakwa ka dinao.

A re ntswa mongwe le mongwe a na le ditshwanelo, go ngomola pelo gore go santse go buiwa ka kgokgontsho ya bong.

O supile fa kgokgontsho ya bong, bogolo jang ya bomme le bana ba basetsana e le seemo se se botlhoko fela thata ka e aname lefatshe ka bophara.

A re go na le dipego tsa dipolao, go dirisiwa ga bana botlhaswa le dititeo tse di botlhoko tse di tlhotlheleditsweng ke bong letsatsi le letsatsi.

O supile fa mo nakong eno mo kgaolong ya Serowe go setse go begilwe dikgang di le 92 tsa tiriso ya bana ba basetsana mo go tsa tlhakanelo dikobo, tsa petelelo di le 114, tsa dititeo di le 246 mme tsotlhe di nna 452.

A re mo dikgannyeng tsotlhe tsa kgokgontsho ya bong, bontsi jwa tsone di dirwa ke borre ba di dira mo go bomme.

A re borre, bogolo jang balemi-barui, ba tshwanetse ba ipotse gore se se raya eng mo go bone.

A re borre ba tshwanetse ba tsee boikarabelo mme ba babalele bomme le bana ba basetsana.

A re borre ba tsaya nako e ntsi kwa merakeng le kwa masimo ba tlhokometse dikgwebo kana leruo la bone mme bontsi jwa dikgang tsa kgokgontsho ya bong di diragala gone koo e bile di dirwa ke bangwe ba bone.

A re borre ba tshwanetse ba nne le kitso ya gore motho mongwe le fa a dira kwa merakeng kana masimo o tshwanetse a fiwe tlotlo le tshwanelo ya gagwe.

Mongwe wa barulaganyi ba letsatsi leo Rre Funkie Kokoro o ne a supa fa bontsi jwa kgokgontsho e bonala kwa merakeng le masimo, ka jalo ba ne ba bona go tlhokafala gore ba rulaganye letsatsi leo go buisanya le go rutana ka dikgang tsa kgokgontsho le gore go ka dirwa jang go di thibela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : PAJE

Event : Bokopano

Date : 25 Oct 2022