Breaking News

Barui ba Ghanzi ba kgala tsamaiso

25 Oct 2022

Barui ba re ba tshwenngwa ke mokgwa wa go tsenyetsa dikgomo manyena kwa mmarakeng.

Ba supile matshwenyego a kwa dithuto-puisanong tse di neng di itebagantse le twantsho bogodu jwa leruo kwa Tsootsha bosheng.

Ba re dingwe dikgomo di tsenyediwa manyena mo dikoloing le masaka a mmaraka, mme ba re selo seo se rotloetsa bogodu jwa leruo.

Barui ba re e bile go na le bareki bangwe ba dikgomo ba ba tsamanyang ba tsere manyena a dikgomo kwa mmarakeng, gore fa ba reka kgomo e se na manyena, ba kgone go a tsenya gone foo.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, go tsibogela matshweyego a go tsenya dikgomo manyena kwa mmarakeng, mogolwane mo ofising ya bakenti kwa Ghanzi,

Dr Kefilwe Kebonyeng-Makgetho o supile fa e se tsamaiso e e siameng.

Dr Kebonyeng-Makgetho a re tsamaiso ke gore fa kgomo e ya mmarakeng e bo e na le tshipi ya mong wa yone, tshipi ya kgaolo le manyena a a kwadisitsweng ka fa tsamaisong.

A re ntswa bareki ba kgomo ba na le boikarabelo jwa go reka kgomo e na le manyena a a kwadisitsweng ka fa tsamaisong, go tsenya dikgomo manyena kwa mmarakeng go rotloediwa ke barui ka gore le bone ba rwele boikarebelo jwa go isa kgomo kwa mmarakeng e na le manyena.

Dr Kebonyeng-Makgetho a re ba ba fapogang tsamaiso ya manyena, ba ka otlhaiwa ka fa molaong, fa ba ba rekang dikgomo ba ka gapelwa diteseletso tsa go gweba.

Ka jalo, o ne a kopa morafhe go ba loma tsebe ka barui le bareki ba ba tlolang tsamaiso eo.

A re kanoko ya dikgomo mo kgaolong ya Ghanzi, e supile fa barui ka bontsi ba sa tsenye dikgomo tsa bone manyena.

O tlhalositse gore ntswa go letlelesega gore morui o ka fetisetsa manyena a a sa a dirisang kwa go yo mongwe, seo se tshwanetse sa dirwa ka tetla ya ofisi ya gagwe, a re go tshwanetse ga dirwa kopo pele.

Dr Kebonyeng-Makgetho o ne a gakolola gore tiriso ya manyena a dihutshane e simolotswe.

A re manyena a dinku le dipodi a ja P20 .

A re tsholofelo jaanong ke gore fa podi kgotsa nku e ya mmarakeng e bo e na le manyena. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : TSOOTSHA

Event : dithuto-puisano

Date : 25 Oct 2022