Go robala le go ja sentle go botlhokwa
25 Oct 2022
Go le gantsi fa go buiwa ka boitekanelo, batho ba na le go akanya fa itshidilo mmele e le yone konokono mo go rotloetseng boitekanelo jwa mmele wa motho.
Le fa gontse jalo, go na le dingwe tse le tsone di lejwang di le botlhokwa mo go dibeleng botsogo jwa mmele le tlhaloganyo.
E rile a bua kwa letsatsing la go ipelela botsogo le itshidilo mmele la badirelapuso ba Bokone Botlhaba bosheng, ngaka kwa kokelong e e ikemetseng ya Angel kwa Masunga, Dr Bongisa Mokute a tlhalosa fa go ipha nako e e lekaneng ya go robala bosigo le go ja dijo tse di itekanetseng, go le botlhokwa mo boitekanelong jwa batho.
Dr Mokute a re batho ba tshwanetse ba robala dioura tse thataro go ya kwa go tse di robang bobedi, go neela mmele sebaka sa go ipaakanya bosigo le gone go lapolosa ditlhaloganyo.
Setlhogo sa letsatsi le, e ne e le Botsogo jo bo Itekanetseng ke Tlhaloganyo e e Itekanetseng, ka jalo ngaka a re batho ba tshwanetse ba itse fa mmele le tlhaloganyo e le di ya thoteng di bapile.
A re se mmele o se dirang se ama maikutlo le tlhaloganyo mme tshotlhe di ame mmele wa motho.
Dr Mokute o ne a tlhalosa gore, fa sengwe sa bobedi joo, se ka itlhokomolosiwa go ka ama botsogo jotlhe jwa motho ka bophara.
A re go botlhokwa gore batho ba je dijo tse di itekanetseng gore ba nne le botsogo jo bo itekanetseng ka dinako tsotlhe, a supa fa go le gantsi fa motho a sa tsoga sentle, ditshekatsheko tsa ba bongaka di supa modi o o bakang seo, e le dijo tse motho a di jang.
Dr Mokute a re e re le ntswa dijo dingwe di le botlhokwa mo go berekeng ga dikarolo di tshwana le boboko le tse dingwe, fela fa di sa itekanela go ka kgobera botsogo jwa mmele le tlhaloganyo.
Fa a itebaganya le itshidilo mmele, o supile fa batho ba na le go retelelwa ke go inaakanya le yone, ka ntlha ya go tshwarwa ke mananeo a ditiro tsa bone tsa tsatsi le letsatsi.
A re mme fela go botlhokwa gore ba nne ba itshidila.
Ngaka a re go botlhokwa gape gore babereki, segolo jang ba ba tsayang nako e ntsi ba le mo diofising, ba nne ba ipha nako ya go emelela mo ditilong, ba tsamayatsamaya go ithapolola, a tlatsa ka go re go nnela ruri mo setilong go ka ba bakela ditlhabi tsa mokwatla.
Dr Mokute a re go nna ba tlhometse matlho ruri mo dibalamakgolong le gone go ka ama matlho a bone.
Go ntse go le foo, o ne a re go botlhokwa gore ba nne ba etela ba bongaka fa ba lwala le ba sa lwale, go ya go tlhola seemo sa botsogo jwa bone.
Modiri mo ofising ya ga molaodi a direla mo ofising e e gokaganyang ditiro tsa HIV/AIDS mo Bokone Botlhaba, Mme Kebadiretse Mothusi a re puso e ne ya bona go tshwanela go beela kwa thoko letsatsi la botsogo la badirelapuso.
Mme Mothusi a re letsatsi leo, le fa badirelapuso sebaka sa go itshidila mmele le go lapolosa ditlhaloganyo, e le tsela nngwe ya go rotloetsa boitekanelo jwa mmele, selo se a boletseng se ka thusa gore ba ntshe maduo a a nametsang mo ditirong.
Mothusa Kgosi ya Masunga, Kgosi Thabo Monaga le ene o gateletse botlhokwa jwa itshidilo mmele.
Le fa go ntse jalo a re go na le ditiro dingwe tsa mo malwapeng jaaka go rema matlhaku tse batho ba ka di dirang e le tsela nngwe ya go itshidila.
Letsatsi leo, le ne la simolola ka mogwanto go tswa kwa kgotleng ya Masunga go ya kwa lebaleng legolo la metshameko la motse oo, kwa badirelapuso ba neng ba itshidila mmele ka metshameko ka go farologana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : letsatsi la go ipelela botsogo le itshidilo mmele
Date : 25 Oct 2022