Kgosi Letsholathebe o tlaa bolokwa ka Matlhatso
25 Oct 2022
Kgosi Gillard Letsholathebe wa Letsholathebe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba o tlaa bolokwa kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le boferabongwe kwa Letsholathebe.
Kgosi Letsholathebe o tlhokafetse morago ga go lwala ka lobakanyana, a le dingwaga di le masome marataro le borataro.
Mo potsolosong le BOPA, morwadia Kgosi, Mme Unaswi Mokgethi a re Kgosi Letsholathebe o tlhokafetse kgwedi eno e le lesome le boferabobedi kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa Francistown.
Mme Mokgethi o tlhalositse fa Kgosi Letsholathebe a tlhomilwe Kgosi ya Letsholathebe ka ngwaga wa 2006, morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe ebong Kgosi Thomas Letshothebe ka 2005.
A re pele ga a tlhongwa mo setilong, Kgosi Letsholathebe o ne direla kwa moepong wa Afrika Borwa gammogo le kwa sesoleng sa Botswana.
Mokwaledi wa makgotla a Setswana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Segopotso Sakwape o boletse fa loso lwa ga Kgosi Letsholathebe, e se tatlhegelo ya ba lelwapa fela, mme lephata la gagwe le kgaolo ya Bokone Botlhaba ka kakaretso di latlhegetswe ke mogaka yo o neng a rata e bile a rotloetsa kagiso bobe.
A re mo godimo ga moo, Kgosi Letsholathebe e ne e le motho yo o bonolo, a dira tiro ya gagwe ka boineelo le ka bopelotelele, mme e bile a tlotla nako fela thata.
Rre Sakwape a re o simolotse go bereka le Kgosi Letsholathebe ka 2019, fa a goroga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, mme go fitlha a tlhokafala jaana, ga a ise a nne le kgopakgopano epe le ene.
Kgosi Letsholathebe o tlogela bana ba le barataro, basimane ba le bane le basetsana ba le babedi, bommonawe ba le babedi, monna le mosadi mmogo le batsalwa le ene ba le bararo. Bokhutlo
Source : Bopa
Author : Masego Tabengwa
Location : Letsholathebe
Event : Potsolotso
Date : 25 Oct 2022