Breaking News

Batho boora Seno ba kopa sekole

25 Oct 2022

Batho boora Seno, dikhilomethara di ka supa go tswa Kanye, ba kopa sekole se sebotlana ka mo bogompienong bana ba tsena kwa Lotlhakane East le Kanye.

Banni ba kopile jaana mo phuthego ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Thapelo Letsholo bosheng.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Ireen Wamakhubo a re ba kopa sekole se sebotlana go itsa go pega bana go ya sekoleng kwa Lotlhakane East le Kanye.

Mme Wamakala a re motse o godile mme ga o na ditlhabololo jaaka sekole, kokelwana le tsela, a re bana ba a sokola go tsena sekole kgakala.

A re ba kopa gape le kokelwana go itsa gore e re fa motho a sa tsoga, segolo jang bosigo, go bo go sena kwa a ka isiwang teng ka le tsone dipalamo di a bo di se yo.

Monni wa motse, Mme Motlalepula Moutlwaditse o supile fa ba na le dingwaga ba pega bana ba sekole.

Mme Moutlwaditse a re ba kopa ditanka tsa metsi kwa ditsheng tse di sha ka batho ba ba nnang koo ba sokola go latela metsi kgakala.

Mme Gabafele Ramakatane ene o kopile gore ba tsosediwe terata ya mafudiso ka lenaneo la Ipelegeng.

A re batho ba tlogela diheke di sa tswalwa, dikgomo di bo di sena mo masimong.

A re beng ba dikgomo le bone, ga ba di tlhokomele.

Mo go tse dingwe banni ba kopile go tseyediwa motshelakgabo mo tseleng e e yang kwa masimo, ba supa fa go na le beng ba dikonteraka ba ba hatang motlhaba kwa molapong wa Phokojeng o ba ntseng ba nosa mo go one.

Batho ba, ba re ba dira tshenyo e e maswe mo ba tlogelang dikhuti tse di ba paledisang go tsamaya ka dikara tsa ditonki.

Banni ba ikuetse mo mogolwaneng wa mapodisi ka bogodu jwa loruo jo bo diragalang kwa kgaolong ya bone ba re magodu a dikgomo a bolaya dikgomo tse di dusang, morago ba bo ba phuthela dinamane ka matlalo le ditlhako ba latlha.

Mogolwane wa mapodisi kwa Kanye, Assistant Suprietendent Mogogi Mathaba o supile fa a tlaa kopana le boora Seno, go bona gore ba ka tsaya kgato efe.

Fa a tsibogela dikgang tse, Mopalamente Letsholo o ne a bolela fa a tlaa tswelela a bua ka sekole sa motse wa bone. BOKHUTLO

Source : Bopa

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Oct 2022