Mme Masisi o abela bomme matlapa
25 Oct 2022
Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi, o abetse komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kang matlapa a a rokang a le mabedi.
Fa a rola semmuso matlapa ao ka Mosupologo kwa Kang, Mme Masisi o ne a tlhalosa fa puso e itlamile go tlhabolola matshelo a banni ba lefatshe leno, go nna a a itumedisang le fa mathata e le letlhoko la madi.
A re le fa go le jalo, setshaba se seka sa neela tshwene marapo, ba ititeye ka thupana go bona gore ba nna le seabe le bone go thusana le puso go tlhabolola matshelo a banni ba dikgaolo, segolo bogolo ba ba kgakala le ditlamelo.
Mme Masisi o ne a tlhalosa fa matlapa ao, e le dithuso go tswa kwa Mac Foundation, lekgotla le a tlhalositseng fa le tlhamilwe ke bahumagadi ba botautona ba mo Afrika.
A re lekgotla leo, le itebagantse thata le dikgang tsa bomme ba ba timilweng thari gammogo le dikgang tse dingwe tse di amang matshelo a bomme le bana ba basetsana.
Ka jalo, o ne a kopa komiti ya ditlhabololo tsa motse go netefatsa gore ba itoma molomo wa tlase go netefatsa gore matlapa ao, a tsenngwa mo tirisong, e bile a ntsha maduo a a nametsang.
A re go dira jalo, go tlaa tlotlomatsa maiteko a lekgotla la bahumagadi ba botautona ka jaana ba tlaa bo ba dirile pharologanyo mo matshelong a banni ba dikgaolo, segolo bogolo bomme ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re tsholofelo ka matlapa ao, ke go rutuntsha bomme ka methale ya itshetso gore ba kgone go ikemela ka bonosi kana ba tlhame ditlhopha go itlhamela ditiro mme ba kgone go bona letseno la go itshetsa le ba malwapa a bone.
Mo go tse dingwe, Mme Masisi o ne a kgothatsa setshaba go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bong, e a reng e tsere phekelo e sele go ralala lefatshe ka bophara.
O tlhalositse fa kgokgontsho e na le manokonoko a a ngomolang pelo ka jaana e ama itsholelo ya malwapa mme kwa bofelong e gomagomatse go phutlhamisa itsholelo ya lefatshe.
O ne a kopa dikgosi go sekaseka melao mengwe ya dingwao go bona gore a ga e rotloetse kgokgontsho ka tsela epe, gammogo le setshaba ka kakaretso go ema kgatlhanong le mmaba kgokgontsho go aga tshaba e e itekanetseng.
Mme Masisi o ne a kgothatsa banana go nna le mowa wa boithaopo ka go tsena mo dikomiting tsa ditlhabololo tsa motse, ka jaana a re boithaopo jwa bone, bo ka thusa go tla ka megopolo e e tlhabologileng e tsamaelana le diphetogo tsa botshelo jwa segompieno.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Basadi Seipone o ne a iteela ofisi ya ga mohumagadi wa ga Tautona letsogo, a re e ntshitse tlhogo mo go jwaleng thuto e e nonneng mabapi le dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
Kgosi Seipone a re maiteko a gagwe a na le motlhala o o bonalang, ka jaana a phatlalatsa le dithuso tsa itshetso ka go farologana go thusa go nonotsha bomme ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, mme a re seo, fa se ka tsewa ka maatlametlo, se ka thusa go fokotsa manokonoko a kgokgontsho mo malwapeng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Kang, Rre Fred Mogomotsi, o ne a lebogela matlapa ao, mme a kopa bomme go di goga kwa tlhogong go tla go tsaya dithuto gore kamoso ba kgone go ikemela ka bonosi.
A re go dira jalo, go tlaa fokotsa go ikaega ka dithuso tsa puso gammogo le letseno la borre ka dinako tsotlhe.
Fa a afa malebo, mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, o ne a lebogela matlapa ao, a tlhalosa fa a tlaa thusa go menagane mo go buleng diphatlha tsa mebereko ka jaana kgaolo e aparetswe ke letlhoko la ditiro.
Le ene fela jalo, o ne a kopa bomme le borre go tsaya sebaka seo, go itlhabolola go ka tsosolosa itsholelo tsa malwapa a bone. BOKHUTLO
Source : Bopa
Author : Malebogo Lekula
Location : KANG
Event : Kabo ya matlapa a a rokang
Date : 25 Oct 2022