Breaking News

Mokgatlho o lwantsha ditagi

24 Oct 2022

Banana ba Bokone Botlhaba ba gakolotswe go ikgapha mo bojalweng le ditagi ka di ama botsogo jwa bone le go ba senyetsa bokamoso.

Mafoko a, a builwe ke dibui kwa thuto-puisanyong e e neng e rulagatswe ke mokgatlho wa David Mogoma Foundation (DMF), maikaelelo a yone e le go tsibosa banana ka bodiphatsa le ditlamorago tsa go iphetisa bojalwa le ditagi kwa Moroka bosheng.

Dibui di ne tsa ganetsa dikgang tsa banana ka bontsi tse ba reng ba inaakantse le ditagi le bojalwa, ka ba leka go itebatsa mathata le dikgwetlho tse ba kopanang natso le go leka go fedisa khuduego ya maikutlo.

Ba re seo e a bo e le go ikokeletsa mathata, ka go le gantsi bangwe fa ba le mo sediding sa bojalwa le ditagi ba felela ba inaakanya le ditiro tse di sa itsagaleng mme ba felele ba le mo mathateng.

Dibui di ne tsa supa ka monwana barekisi ba bojalwa le batsadi bangwe, ba go tlhalosiwang ba na le mokgwa wa go rekisetsa bana majalwa le motokwane, ba tlatsa ka go re barekisi bangwe ba ba rekisetsang fa pele ga dikole ba iphitlha ka thekiso ya dimonamone le tse dingwe, ba rekisetsa baithuti ditagi.

Fa a tswa la gagwe, moemedi wa sepodisi go tswa mo lekalaneng la Narcotics Flora and Fauna Investigation Unit, Detective Sergeant Masego Modibedi a re batho ba tlhaloganye fa ditagi di fetola boleng jwa mmele wa motho, mme di koafatse dikarolo dingwe di tshwana le makgwafo, boboko le ditshika.

Detective Sergeant Modibedi o supile fa ditagi tse di tshwenyang thata mo lefatsheng leno e le motokwane, CAT le Cocaine, a bo a tlhalosa ka dikai dingwe tse di ka itshupang mo mothong fa a le mo ditaging.

A re dingwe tsa tsone ke go latlhegelwa ke mmele, go eledisa mamina le go ja thata mme fa gongwe motho a latlhegelwe ke keletso ya dijo fa go ntse go tsweletse, a tlatsa ka go supa fa gongwe motho wa go nna jalo a nale go omanya kgotsa a lwantsha batho le fa go senang ntwa teng.

Mme Modibedi o ne a  tlhalosetsa bokopano joo ka dikatlholo tse di ka lebanang yo o ka fitlhelwang ka ditagi.

Moemedi wa banana ba Moroka, gape e le leloko la VDC, Rre Kootini Malanga le Rre Boipelo Mokone go tswa kwa SOAR Institute Recovery Homes kwa Mmopane, bone ba ne ba bolela ka fa bojalwa le ditagi di kileng tsa bo di iphile maatla ka teng mo matshelong a bone.Ba supile fa ba ne ba inaakanya le tsone ba santse ba tsena dikole mme e le ka tlhotlheletso ya ditsala.

Le fa go ntse jalo, se se ba itumedisang ke go bo ba ne ba itharabologelwa mme jaanong ba setse ba itlhotlhorile gotlhelele mo go tsone.

Rre Mokone a re e re le ntswa mo go goleng ga gagwe a ne a na le neo ya go opela, o reteletswe ke go e godisa ka ntlha ya go itewa tsebe ke bojalwa le ditagi.

O ne a tlhalosa fa e rile ka 1998, baithuti ka ene ba ya Tirelo Sechaba, ene a bo a leba kgolegelong morago ga go inaakanya le botlhokatsebe, jo bo neng bo bakilwe ke go iphetisa bojalwa le ditagi.

A re e re le ntswa a ne a na le dingwaga tse di masome mabedi a dirisa ditagi, fela o itumedisiwa ke go bo Modimo a nnile le thulaganyo le ene, mo phelelong a ne a kgona go tswa mo go tsone.

O bile a supa fa a setse a le mo ngwageng wa borobabobedi a tlhobogane le tsone, mme mo godimo ga moo, a na le dingwaga tse nne a nyetswe.

Mokgatlho wa DMF o tlhamilwe ke ba lelwapa la ga Rre David Mogoma kwa Moroka ka 2016, mme wa kwadisiwa ka fa molaong ka 2018.

Mookamedi wa mokgatlho o, Mme Uneni Mogoma o ne a supa fa ba rulagantse thuto-puisanyo eo, morago ga go lemoga fa borukutlhi le tiriso-botlhaswa ya bojalwa le ditagi di ile magoletsa mo bananeng le mo metseng e e bapileng le molelwane wa Botswana le Zimbabwe.

Mme Mogoma o ne a supa fa mokgatlho wa bone o itebagantse le ditiro tsa bopelotlhomogi mme o sa dire dipoelo, ka moo a itela mo bathong le makalana go ba thusa ka sepe se ba ka se kgonang gore ba tswelele ba itsetsepetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MOROKA

Event : Thuto-puisanyo

Date : 24 Oct 2022