Breaking News

Matimela a ka ntsha bangwe pelo

24 Oct 2022

 Barui ba rotloediwa go bega matimela ka nako ka go tlhoka go dira jalo ke molato e bile  go ka rotloetsa bogodu jwa leruo.

Se se builwe ke mogolwane mo ofising ya matimela ya Charleshill, Rre Joseph Ditsele kwa thuto-puisanyong e e neng e itebagantse le twantsho bogodu jwa leruo, kwa Tsootsha ka Laboraro.

Rre Ditsele a re motho o ka otlhaiwa P500 kgotsa a atlholelwa kgolegelo e e sa feteng  ngwaga  kgotsa a pegwa dikatlholo tseo ka bobedi, go tlhoka go bega letimela kwa ofising ya matimela.

A re go tlhoka go bega matimela go ka dira gore bangwe ba tswe pelo kgabagare ba itshwaela kgotsa ba itshubela dinamane tsa dikgomo tsa matimela, ka jalo a re go bega matimela  go ka fokotsa borukutlhi.

O tlhalositse gore letimela le tshwanetse  la begwa  mo sebakeng sa kgwedi.

Fa a tsibogela matshwenyego a go swa  le go timela ga  leruo le le mo tlhokomelong ya  lephata la matimela, o ne a amogela gore diemo tseo di teng  mme fa go diragetse jalo ga go na phimolo keledi.

Le fa go ntse jalo, a re ofisi ya matimela e leka ka bojotlhe go babalela leruo la matimela  ka ba tlhaloganya fa ba le disetsa morafe.

Rre Ditsele o tlhaloseditse barui  ka koketsego ya ditlhwatlhwa tsa masaka a matimela.

A re ditlhwatlhwa tsa leruo le letona  di okeditswe go tswa go P8 go ya kwa go P15 ka letsatsi.

Fa ba tswa la bone, barui ba ne ba supa fa koketsego eo e ya go ba babalela.

Barui ba ne gape ba kopa gore go nne le thulaganyo ya gore ba kgone go duelela dikgomo kwa masakeng go na le go tsaya loeto go ya khanseleng ba ya go duela.

Ba re seemo se, se dira gore ba dirise madi a mantsi.

Fa a tsibogela matshwenyego  a  ditlhwatlhwa, Rre Ditsele  o ne a ba rotloetsa go reetsa  thulaganyo ya matimela mo seromamoeng sa Botswana, gore ba kgone go tsaya leruo la bone madi a ise a kokotlesegele.

O ne gape a  ba gakolola gore ba nne ba etela  masaka a matimela go tlhola dikgomo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle.

Location : TSOOTSHA

Event : thuto-puisanyo

Date : 24 Oct 2022