Breaking News

Reatile o tlhalosa diphetogo

24 Oct 2022

Mopalamente wa Mabutsane/Jwaneng Rre Mephato Reatile o boleletse phuthego ya kgotla mo Jwaneng gore molao wa lekalana la polokelo la badirelapuso o fetotswe gore fa motho a lwala a bo a ka thusiwa ka madi a a a ikgobokanyeditseng.

A re pele modirela puso o ne a sa kgone go dirisa madi ao a ise a tlogele tiro, mme jaanong fa motho a tlogela tiro o ka neelwa sephatlo gore a tle a kgone go iphutha metlhala.

A re modirelapuso gape o ka letlelelwa go tsaya madi ao go ithusa mo go tsa kago go tokafatsa bonno jwa gagwe.

O bile a lekodisa batsena phuthego ka lenaneo la ditlhabololo (NDP) a re le tlaa fetolwa go tsamaalana le palamente.

O beile sekai ka NDP11 e mo nakong ya gompieno puso e dirang ditlhabololo e lebile yone.

Mopalamente Reatile a re mapalamente jaanong ba tlaabo ba dira ditlhabololo tse di tsamaalanang le nako ya ditlhopho le go simogologa ga palamente, a bo a re mo nakong eno mapalamente ba bereka ka NDP 11 e e simologileng ka 2017.

Fa a itebaganya le Jwaneng, Rre Reatile o ne a supa matshwenyego ka beng ba dikonteraka a re ba sotla babereki.

A re dikgang tsa babereki di dintsi kwa lephateng la pereko.

Mo go tse dingwe mogolwane go tswa kwa Botswana Agricultural Markerting Board Mme Oabona Tatane o boletse fa ba sale ba simolola go reka di-tswa temong mo Batswaneng ka 1974.

A re le ntswa nako ya temo e gorogile, go na le balemi ba ba iseng ba ba duelele tse ba di kolotileng mo go bone ka ntlha ya gore ba na le kgwetlho. A re ba santse ba kopile madi gore ba tle ba kgone go duela balemi gore ba kgone go ya go baya thotse.

Le fa go ntse jalo, o supile fa ba duetse palo e potlana, a tlatsa ka go re o solofela fa ba tlaa duela ba ba setseng mo kgweding eno.

Ka nako ya dipotso le dikakgelo modula setilo wa pele wa khansele ya Jwaneng Rre Tsietsi Oodira-Kwenje o ne a re ofisi ya mapodisi e nnye, ka jalo go bonwe gore a ga go na kwa e ka katolosediwang teng.

O ne gape a supa fa seemo sa khansele ya Jwaneng se dule mo taolong, ka ditsela di le dikhuti, a supa gape gore le fa batho ba Ipelegeng ba sena go kgaola ditlhare ga di tsewe.

O ne a re toropo e lefifi, ka jalo a kopa gore go gokelwe dipone tsa marang a letsatsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 24 Oct 2022