Breaking News

Solomon o itshetsa ka go sega dikalolo

24 Oct 2022

Ntswa banana ba le bantsi ba sa kgatlhegele go dirisa mananeo a puso go itshetsa, bangwe ba a tsaya ka tlhoafalo e bile a a ba thusa.

Mme Wililani Solomon yo o butseng kgwebo ya Solfam Designs e e remeletseng mo go rokeng ke mongwe wa banana ba ba tlhaga ba ba neng ba tsiboga fa mokgosi o lela gore banana ba ikopele madi a a ntshitsweng ke puso go itirela dikgwebo.  

A re lorato lwa gagwe lwa go roka lo simologile kwa Moeng College.

O supile fa a ne a dira dithuto tsa Dressmaking kwa Palapye Technical College ka 2010 go fitlhelela ka 2014. Ya re ka 2015 go fitlhelela ka 2017 a bo a dira dithuto tsa Diploma in Fashion.

Mme Solomon a re ka a ne a dumela gore dilo makwati, o ne a ya go direla kwa go ba ba nang le madirelo a go roka go itlhokotsa gore a ipulele a gagwe.

Ka 2017 o ne a direla kwa Acehilm, ka 2018 go fitlhelela ka 2019 a direla kwa Nortex mme ka 2019 go fitlhelela ka 2021 a tla go direla kwa Selection World mo Serowe.  

A re kwa a neng a direla teng o ne a roka tse di farologanyeng di tshwana le diparo tsa sepodisi, paka ya sekole, ditoulo, diaparo tse di farologanyeng le dilwana tsa mo tlung tse di kgabisang.  
Mme Solomon a re e ne ya re morago ga go dira mo madirelong a go roka, a nna le dikakanyo tsa go inaakanya le mananeo a a thusang banana go itirela dikgwebo ka a ne a lemoga jaanong fa a godile mo tirong ya gagwe.

Ke fa e tlaa re ka 2021 ba lephata la banana ba mo thusa ka P100 000 mo tshimologong ya ngwaga ono ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) go itshimololela kgwebo mme a kgona go reka metshini e e rokang e le mene le tsotlhe tse di ka mo letlelelang go simolola kgwebo di tshwana le matsela, ditlhale, kgatiso le bolao jo bo supang tse a di rokileng.     

A re o remeletse mo go rokeng dilwana tse di alolang le tsa diokomela bagwe mme go sa kganele gore o ka roka tse dingwe tse a ka kopiwang ke ba ba rekang gore a di roke ka a ithutetse go roka ka kakaretso.  

O ne a supa fa a ne a bona go tlhokafala gore a remelele mo go rokeng tse di apesang bolao ka baroki ba seyo mo Serowe ba ba di rokang fa e se Gaborone le Francistown.

“Ke ne ke labile gape gore ke tlaa thusa le ba diotele le ba kokelo e tona ya Serowe ka le bone ba tlhoka dilwana tse di apesang bolao,” o ne a bua jalo.

A re ke motho yo o ratang bontle bogolo jang fa motho a robalang teng e bile gape a dirisa matsela a a nang le boleng mme a rekisa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.

A re o lemogile fa kamore ya borobalo e tlhaelediwa matlho fa go tla mo go tlhabololweng le go kgabisiwa.  

A re fa motho a robalang teng go tshwanetse go lebege go nne gontle go kgone go mo lapolosa gore a nne le botsogo jo bo siameng.

Mme Solomon a re le gantsi bontsi jwa batho ga ba rurifatse gore tse ba di dirisang ka fa kamoreng di nna mo seemong se se siameng mme e le tsone tsa ka fa ba itapolosang teng bosigo le motshegare.

A re fela jaaka go tlhokomelwa dilwana tse dingwe jaaka tsa phaposi ya boapeelo le tsa ka fa go ikhudiwang teng, kamore le yone e tshwanetse go tlhokomelwa ka go phepafadiwa e bo e rekelwa tsotlhe tse di e tshwanetseng e bile di kgatlhisa le ka mebala tota.

O ne a tlatsa ka go re mebala e e dirisiwang e tshwanetse e tsamaelane.

“Mmala o o dirisitsweng fa o apesa bolao o tshwanetse o tsamaelane le o o dirisitsweng mo letseleng la seokomelabagwe”, Mme Solomon a bua.

A re fela jaaka diaparo, tse go robalwang ka tsone di tshwana le dikobo le tse di apesang bolao di tshwanetse di nne phepa ka nako tsotlhe di bo di fetolwe kgapetsakgapetsa go ya ka dipaka gore yo o robalang a nne le boroko jo bo siameng.

“Fa go le mariga go tshwanetse go tsenngwe tsa mariga mme fa go le selemo go tshwanetse go tsene tsa selemo,” ga tshwaela Mme Solomon.

Mme Solomon yo o direlang fa Serowe Youth Hub o ne a kopa Batswana, bogolo jang banni ba Serowe le metse e e mabapi go mo ema nokeng ka a dirisa matsela a boleng jo bo kwa godimo e bile a rekisa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 24 Oct 2022