Breaking News

Go busetsa badira molato mo setshabeng go tlhoka botlhe

23 Oct 2022

Mo maitekong a go busetsa badira melato ba ba weditseng nako ya bone mo kgolegelong mo setshabeng, lephata la dikgolegelo le simolodisitse dikomiti tse di tlaa dirang tiro eo go nna bonolo.

Se se builwe ke mothusa mookamela dikgolegelo mo bokoni, Assistant Commissioner Otlametse Motshebe kwa thutuntshong ya maloko a komiti eo ka Laboraro mo Sehithwa.

Rre Motshebe o ne ba dikgolegelo ba lemogile fa ba ntse ba dira tiro ya go aga badira melato ka manontlhotlho mme ya go ba busetsa mo setshabeng e saletse morago.

Ka jalo a re maikaelelo a lenaneo leo ke gore setshaba se amogele badira molato.

A re go dira jalo go ka itsa gore badira molato ba nne ba boelela melato gore ba boele dikgolegelong.

A re ntlha nngwe ya go aga badira melato ba ba mo dikgolegelong ke go ba fa dithuto tse di farologaneng le ditiro tsa diatla gore ba kgone go itshetsa fa ba feditse dikotlhao tsa bone.

Rre Motshebe o ne tlhalosa fa dikomiti tseo di tlaa dirwa metse le metsana ka bophara jwa Botswana.

A re dikomiti tseo di tlaa nna le maloko a tshwana le dikgosi tsa metse, baithaopi le bangwe ba badira melato ba pele.

A re setshaba se tshwanetse sa emisa go tsaya badira melato ba pele ka letsogo la molema.

Rre Motshebe a re maikaelelo a mangwe a lenaneo leo ke go letlanya badira melato ba pele le ba lelwapa la ba ba foseditsweng gore go nne le kagiso pele ga badira melato bao ba bereka le setshaba.

Kgosi wa Legothwana, Kgosi Badihedi Ditsilepele o ne a leboga lephata la dikgolegelo go bo le tsile ka thulaganyo ya go nna jalo.

A re le na le maikaelelo a mantle a go busetsa badira molato ba pele mo setshabeng le go agisanya batho.

Kgosi o ne a gakolola batsena phuthego gore ba emise mokgwa wa go tlhaola badira molato ba pele le go ba gakolola ka melato ya bone.

A re go botlhokwa gore dikomiti tseo di nne le badiri ba ba farologanyeng ba maphata a puso gore ba bereke le baithaopi bao.

Mme Obusitswe Pulamore o ne a re o itumelela dikomiti tseo le dithuto tsa go aga badirala molato mo dikgolegelong mme a re go ka nna molemo fa dikomiti tseo tsa go busetsa badira melato ba pele mo setshabeng di ne di ka fiwa dithuso tse di thusang badira molato ba pele go itirela letseno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : SEHITHWA

Event : Thuthuntsho

Date : 23 Oct 2022