Tlhatloso maemo e tlaa lopa P63 million
23 Oct 2022
Go tlhatlosiwa maemo ga dikhansele-potlana di le lesome le bongwe lefatshe ka bophara go tlaa lopa P63 million.
Mafoko a, a builwe ke Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse mo phuthegong ya kgotla kwa Mahalapye bosheng.
Rre Autlwetse o ne a rolela banni ba kgaolo-potlana ya Mahalapye tshwetso e e tserweng ya gore khansele-potlana ya bone e nne nngwe ya tse di tlaa tlhatlosiwang maemo go nna dikhansele tse di ikemetseng, mo ngwageng ono wa madi.
Maikaelelo, Rre Autlwetse a re ke gore e re fa phuthego ya palamente e tsena ka Ngwanatsele, a bo a tsenya kopo ya gore palamente e amogele semmuso gore dikhansele-potlana tse di tlhatlosiwe maemo, pele ga kgwedi e wela.
“Tshwetso ya go tlhatlosa maemo a dikhansele-potlana tse, e tsewa jaana morago ga go rerisa botlhe ba ba neng ba tshwanelwa ke go reresiwa.
Morero o, o tswa go tsena gape le kwa Khuduthamageng ya Ntlo ya Dikgosi le komiti ya palamente e e lebaganeng le tsa selegae, mme botlhe ba atlile mogopolo o gore dikhansele-potlana tse di nne le boikarabelo go sena epe e e santseng e wela ka fa tlase ga e nngwe,” a tlhalosa.
O ne a tlhalosa fa mogopolo o, o le montle fela thata e bile Batswana le bone ba o batlang ka gore ba batla ditirelo le ditlamelo di goroga ka bofefo kwa go bone.
Ka lebaka la tlhaelo ya madi, tona a re mo ngwageng ono wa madi, go dumalanwe gore go simolodisiwe tlhatloso maemo a dikhansele-potlana di le lesome le bongwe pele, e bong;
Mahalapye, Boteti, Tutume, Molepolole, Maun, Tsabong, Hukuntsi, Okavango, Goodhope, Mogoditshane le Letlhakeng.
Mabaka a mangwe a a neng a lebilwe, a re ke gore dikhansele-potlana tse go simololwang ka tsone, di setse di na le dikago tsa Rural Administration Centre, boatlhamo le bokgakala jwa khansele-potlana eo, khansele e ntseng e wela ka fa tlase ga yone gammogo le palo ya batho ba kgaolo eo.
Tona o akgotse a bo a lebogela banni ba kgaolo-potlana ya Mahalapye gore e rile morero wa gore khansele-potlana ya bone e tlhatlosiwa maemo, o tsisiwa kwa go bone, ba o atla.
Dikhansele-potlana, tse dingwe tse di lesome le bongwe tse di setseng, Tona Autlwetse a re keletso ke gore le tsone di tlhatlosiwe maemo mo ngwageng wa madi o o latelang ‘fa go ka seka ga tloga ga tlhagoga sepe se e leng gore le sone se ka tloga sa fetoga ya nna sesana nkgope’.
Tiro e fa e dirwa, mafelo mangwe jaaka Mahalapye, a re ga gona go tlhokega gore bodiredi jwa one bo okediwe ka go supega gore jo bo teng bo nonofile go ka dira tiro.
Le fa go tse jalo, a re bodiredi bongwe jone bo tlaa tshwanelwa ke go tlhatlhosiwa maemo gore bo tsee maemo a masha a tla nnang teng, go setswe tsamaiso ya puso morago.
Kwa mafelong a go ntseng go na le dikhansele tse pedi, e bong Administration Authority le Headquarters, jaaka kwa Kanye, Molepolole le Serowe, Rre Autlwetse a re go tserwe tshwetso ya gore go sale Headquarters fela.
Ka jalo, a re bodiredi jwa Administration Authorities go tsweng kwa mafelong ao, bo tsile go phatlaladiwa le dikhansele tse di tlhatlositsweng maemo, go ya ka letlhoko la bodiredi kwa go tsone.
Go yeng pele, Tona Autlwetse a re go tsile go patika le maphata a mangwe a puso mo di kgaolong, gore le one a dire diphetogo tse di maleba tsa go tlhoma bodiredi jo bo maleba jwa maemo a a lebaneng go etelela le go tsaya ditshwetso kwa kgaolong, go itepatepanya le phetogo e.
Mopalamente wa Shoshong, yo gape e leng Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Aubrey Lesaso le wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere gammogo le Kgosi ya Mahalapye, Kgosi Duncan Segotsi ba galaleditse mogopolo o, ba re o tlaa thusa go atumetsa ditirelo kwa setshabeng gammogo le go fefosa go tsewa ga ditshwetso dingwe mo kgaolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 23 Oct 2022