Breaking News

Tikologo e botlhokwa mo kgolong ya ngwana

23 Oct 2022

Dikgosi jaaka batlhokomedi ba morafe, ba tlhaloganya gore ngwana o tlhoka tikologo e e faphegileng gore a gole sentle.

Se, se builwe ke modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Puso ka Labone kwa Kasane, jaaka dikgosi di ne di abela dikole tse dipotlana tsa Plateau le Kasane ditlhako le dikausu di le masome a mane le botlhano  sengwe le sengwe sa tsone le ditlamelo tsa basetsana.

Kgosi Gaborone a re ka go aba moo, dikgosi di supa fa di rotloetsa thuto e bile di lemoga gore ngwana yo o nang le letlhoko o ka felela a latlhegelwa ke seriti mme a itlhoboge le mo dithutong.

A re leeto le la bone, le simolotse kwa Selebi Phikwe ka maikaelelo a go bona ditlhabololo dingwe.

O ne a tlhalosa gore gongwe le gongwe fa ba setseng ba fetile teng, ba setse ba abile ditlhako le dikausu di le makgolo mabedi, mesangwana le didirisiwa tsa thuto di tshwana di ruler le dikgwama tse di tsenyang dipene le tse dingwe tsa madi a a ka tshwarang P45 000.

Kgosi Gaborone o ne a akgolela barutabana go dira ka thata go ntsha maduo ntswa ba aparwe ke dikgwetlho.

E ne e rile go le pele, motshwarelela mogokgo wa sekole sa Plateau Mme Morwadi Mokgwathi a supa fa sekole se, se na le barutabana ba le masome mabedi le borataro mme ba tlhaelelwa ke matlo.

Mme Mokgwathi o supile gore e re ntswa sekole se na le dikgwetlho, ba ikaeletse gore fa maduo a ditlhatlhabo tsa monongwaga a tswa, ba fete seelo sa 88 per cent se ba ntseng ba wela mo go sone mme ba fitlhelele 100 per cent.

A re ba itomile molomo wa tlase gore bogolo fa go twe ba paletswe ba tsee maemo a bobedi mo kgaolong ya Chobe.

Mo leetong la bone mo Chobe, dikgosi di ne tsa etela Lesoma Monument, kwa masole a lefatshe leno ba neng ba tlhaselwa ba bo ba bolawa ke ba Rhodesia ka 1978, mme gape ba ya go bona borogo jo bosha jwa Kazungula.

Fa a tlhalosa botlhokwa jwa go etela mafelo ao, Kgosi Gaborone o ne a re go mosola gore dikgosi di itse mafelo gore fa go buiwang ka dilo tse di amang mafelo ao, ba bo ba na le lesedi ka se go buiwang ka sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : kabo dimpho

Date : 23 Oct 2022