Breaking News

Morafe o ganana le tshwetso

23 Oct 2022

Banni ba Letlhakeng ga ba dumalane le go ratana ga batho ba bong bo le bongwefela.

Ba supile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e busisiwa ke tona wa tsa molao, Rre Machana Shamukuni ka Labone kwa Letlhakeng.

E rile go le pele, Rre Shamukuni a ba lemotsha fa a ya go dira tshotiso kwa Palamenteng e e tlang, gore go fetolwe ditshetlana dingwe tsa Penal Code, go tsamaelana le molao-motheo wa lefatshe jaaka katlholo ya lekgotla e laetse gore ba dire.

A re fa lekgotla la boikuedi le ntshitse katlholo, ga go na se ba ka se dirang ntle le gore ba diragatse taolo eo. Tona Shamukuni a re seo, se raya gore batho ba bong bo le bongwe ba tlaa bo jaanong ba gololesegile go ratana.

Morafe o ne wa supa go sa itumeleleng tshwetso ya lekgotla.

Rre Alfred Molokwane o ne a supa fa Modimo a sa letlelela gore motho o ka dira jalo ka a bopile monna le mosadi.

Rre Ontiretse Kenosi o gakolotse tona fa ba ikana ka Baebele mme le ditiro dipe fela di simolola ka thapelo mme seo se supa fa Batswana ba rapela Modimo yo o sa letleleleng go ratana ga bong bo le bongwe.

A re Botswana o itirela mathata mme go batla go rapelwe thata ka ene a dumela gore selo se ke bolwetse jo bo batlang go rapedisiwa.

Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane, Rre Tsabahule Kgothang a re Modimo a bopile monna le mosadi mme a supa fa monna a tlaa tlogela ba lwapa lwa gagabo go nyala mosadi mme bobedi joo bo tlaa nna selo se le sengwe.

O ne a kopa kereke go rapedisa kgang e ka e se Setswana.

Kgosi Olebetse Phemelo wa Sorilatholo a re molao oo o tlaa ntsha bana mo tseleng mme o wetse lefatshe ka lemena.

E rile a ba kgwa dikgaba, Tona Shamukuni a ba lemotsha fa a ba utlwa mme e bile a ba tlhaloganya, sebe sa phiri e le gore fa lekgotla le ntshitse katlholo ga go na se puso e ka se dirang, bogolo jang e le yone kgotla e tona mo go tsotlhe.

A re ditshwetso tsa lekgotla di tshwanetse di diragadiwe mme ke sone se ba yang go se dira kwa Palamenteng.

Rre Shamukuni o ne a ba gakolola gore ke bone e le Batswana ba ba ka fetolang molao-motheo gore o nne ka fa bone ba batlang ka teng.

A re ba ne ba fiwa sebaka bosheng gore ba ntshe megopolo mabapi le tshekatsheko ya molao-motheo mme o dumela gore ba nnile le seabe mo dikgannyeng tsotlhe tse di amang matshelo a bone.

A re Batswana ba supile matshwenyego a bone gore e re go ntse go fetolwa melao jaana, go seka ga tloga ga nyelediwa ngwao.

Rre Shamukuni a re mafatshe a ba beile leitlho ka kgang ya go atlholela batho leso ka ba dumela fa e tshwanetse ya emisiwa mme karabo ke gore, seo se mo molaong mme ga se kake sa fetolwa go fitlhelela go nna le phetogo ya one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 23 Oct 2022