Breaking News

Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa loso lwa monna

20 Oct 2022

Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome  a mararo le boraro wa kgotla ya Nama kwa Lokgwabe, a neng a thulwa ke koloi bosigo jwa Matlhatso mo tseleng ya Hukuntsi-Lokgwabe.

Go bolelwa fa rre yoo a ne  a bona dikgobalo tse di masisi mme morago a tlhokafala.

Mo puisanong le motshwarelela mookamela mapodisi a Tshane, Inspector Moagi Rangobati, a re ba begetswe tiragalo eo, ke mofiti le tsela ka Matlhatso bosigo, mme fa ba goroga kwa lefelong la tiragalo, ba fitlhela koloi ya modiro wa Volkswagen e go belaesegang e le yone e amegileng mo tiragalong eo.

Inspector Rangobati o tlhalositse fa go lebega koloi eo, e ne e kgweediwa ke monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe.

O ne a tlhalosa fa motswasetlhabelo, a ne a isiwa kwa sepateleng se se botlana sa Hukuntsi go tlhatlhobiwa ke dingaka mme ka maswabi, ditlhatlhobo tsa supa fa a setse a tlhokafetse.

A re ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di sa ntse di tsweletse go bona se se katswang se bakile kotsi eo, fa mmelaelwa a le mo diatleng tsa bone go thusa ka ditlhotlhomiso.

Inspector Rangobati, o ne a gakololola setshaba go iphapa mo go tseyeng dinepe mo mafelong a ditiragalo, a bo ba di gasagasa mo maranyaneng,  a re go  dira jalo go diphatsa ka jaana go gogomosa maikutlo bogolo jang ka fa gongwe ba masika ba ise ba utlwe ka tiragalo. 

A re go dira jalo gape ke molato o motho a ka o otlhaelwang.

Mo go tse dingwe, o ne  a kopa batsamaya ka dinao, go apara diaparo tse di galalelang fa go le bosigo gore ba kgone go bonala sentle fa ba le fa thoko ga tsela, a tlatsa ka go gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinao tsotlhe go hema dikotsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 20 Oct 2022