Breaking News

Letlhoko le ka ama maduo a dikole - Mopalamente

20 Oct 2022

Letlhoko la ditsompelo tsa thuto kwa dikoleng ke sekgoreletsi se se ka amang maduo a baithuti mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang.

Se se builwe ke Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi fa a ne a kopane le bagokgo ba dikole tse di potlana le tse dikgolwane kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi, mo  Serowe ka Laboraro.

Kgangkgolo e ne ele go tla go utlwa ka matshwenyego a ba kopanang nao mo tirong ya bone mo go tsalang gore dithuto tsa bana di wele kwa tlase.

A re o itemogetse gore go tlhaela ga matlo a boroko a barutabana go ba jesetsa mo kgobedung mo nakong tsa gompieno.

Mopalamente a re boitshwaro jwa bana bangwe ba dikole ga se jone, mo go paledisang barutabana tiro ka gore le batsadi ba bana ga ba ba eme nokeng go pataganela thuto ya bana.

O boletse fa matlwana a borutelo le matlo a boroko a barutabana a se mo seemong se se kgatlhisang mme go tsaya nako gore a shafadiwe ntateng ya tlhaelo ya madi.

A re le fa gone COVID-19 e ne ya ama go shafadiwa ga matlo, go tshwanetse gore go batlwe maano, a go hema seemo.

Rre Leepetswe o supile fa a tshwenyegile ke batsadi ba ba rekisetsang bana ditagi, bogolo jang motokwane a re ba ba latela kwa dikgorong tsa dikole ba itira ba ba rekisa dimonamone le borotho.

Fa a ntsha mathata a ba kopanang le one kwa dikoleng, mogolwane wa barutabana mo boemong jwa mogokgo wa sekoleng se segolwane sa Mothamo kwa Moiyabana, Mme Gladness Motshipi o boletse fa seemo sa Mothamo e se sone ntateng ya mosuke, a re palo ya bana e feta 1 000 mo go dirang gore bana ba felele ba sa laolesege.

O boletse fa bontsi jwa bana ba teng e le ba ba tswang kwa tengnyanateng mme ba tlogela sekole ka bontsi go latela batsadi  ba bone kwa dipolaseng le meraka.

A re bangwe bana ba nna mo sekoleng, ba robala teng mme matlo a bone a tlhaela, ba robala ba sukagane mo go sa siamelang botsogo jwa bone.

Mme Motshipi o boletse fa ba tshwenngwa gape ke baithuti ba senang tsebe ba ba senyang dithoto tsa sekole, a tlatsa ka gore gangwe le gape ba tshwarwa ka dibetsa kwa sekoleng jaaka dithipa, melamu le digai.

O boletse fa erile bosheng, moithuti mongwe a tlhaba yo mongwe ka sengwe se se bogale a mmolaa kwa sekoleng.

A re terata ya sekole e diphotlha mo baithuti ba tlhagang fela ba ya kwa motseng, go nwa majalwa. A  leruo le dirisa photlha eo go tsena mo sekoleng le senya.

O boletse fa bangwe ba bana ba le borai thata ka ba lwantsha barutabana mme a kopa gore palo ya bana e fokodiwe gore ba laolesege.

Bana ba ba tsenang kwa sekoleng se ba tswa metseng ya Thabala, Motshegaletau, Sehunou, Mabuo, Moiyabana, Mosolotshane Moralane le Kodibeleng.

Mogokgo wa sekole sa Makolo kwa Serowe, Mme Dimpho Lefoko ene o boletse fa sekole sa gagwe se le mo sekgweng mme ba tshwenngwa ke dinoga le bommamanthwane,ka jalo a kopa khansele go ntsha tshutlha e e mo sekoleng.

O boletse fa matlo a barutabana a le makgasa, bommamanthwane ba robala mo teng ebile barutabana ba bangwe ba bone go le botoka go batla boroko mo motseng le fa go le turu.

Mme Lefoko a re sekole se ralalwa ke melatswana mme seo se le borai mo baneng le barutabana, bogolo jang ka nako tsa dipula.

A re gape ba duela metsi a mantsi go lebega fa dipompo tsa metsi di dutlela ka fa tlase ga lefatshe.

Mme lefoko a re ngwaga ono, dijo di ne di tlhaela fela thata mo dikoleng, selo se a reng se ka tswa  se bakile gore bana ba tlogele sekole.

Morutabana wa sekole se se botana sa Mabuo, Mme Onkemetse Oteng o boletse fa sekole se sa dire sentle mo ditlhatlhobong ka gore bana ba bantsi mme matlo a borutelo a tlhaela. Are dibuka tse di balwang.

O boletse fa batsadi bangwe ba sena sepe le thuto ya bana ba bone mo ba kgonang go nna le bone kwa malwapeng go sa re sepe fa ba sa ye sekoleng. Mme Oteng o boletse fa matlo a borobalo a barutabana a tlhokana le go shafadiwa.

A re Mabuo o tlhaelelwa ke metsi mo go ba pateletsang go ntsha bana mo sekoleng e seka nako ka gore ntateng ya letlhoko la metsi.

Mme Oteng o boletse fa dituetlo tsa barutabana ba nakwana di tla morago ga nako.

Kwa Motshegaletau, go kailwe fa baithuti ba inaakantse le nnotagi.

Letshwenyego le lengwe ke gore jaaka fa e le paka ya go ba pala mogorogorwane, baithuti ba tlogela dikole ba ya le naga go bapala maungo mme madi a teng ke o ne a ba rekang bojalwa ka o ne.

Go tlogela sekole ga bana, go bolelwa e le selo modiro kwa Sehunou, Mogorosi, Thabala le dikole dingwe kwa Serowe tse di welang mo kgaolong ya Serowe Borwa.

Mopalamente Lesedi o kopile gore bogogi, batsadi le barutabana ba goge mmogogo go thiba bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Bokopano

Date : 20 Oct 2022