Katoloso ya madirelo e thusa phatlalatso ya metsi
20 Oct 2022
Go atolosiwa ga madirelo a phepafatsang metsi kwa Mahalapye, aa lopileng madi aa fetang P279 million, go tla thusa go oketsa phatlalatso ya metsi go ya kwa metseng e mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Mahalapye Bophirima, Mahalapye Botlhaba, Shoshong le Sefhare/Ramokgonami.
Fa a rola semmuso tiro e sa tswang go wela ya go atolosiwa ga madirelo ao kwa Mahalapye ka Laboraro, Tona wa lephata la merero ya tsa lefatshe le metsi Dr Kefentse Mzwinila a re go a itumedisa gore kompone ya China State Construction ee neng e neetswe tiro e kgonne go wetsa mo nakong le madi a a neng a beilwe.
Kompone e, e abetswe tiro ka Motsheganong 15, 2019, mme ya e wetsa ka Tlhakole 3 ngwaga ono, le ntswa e ne e dirwa ka nako ya go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19.
Dr Mzwinila a re go atolosiwa ga madirelo a, go tla thusa go rarabolola kgwetlho ya tlhaelo ya metsi ee neng e amile dikgaolo tsa botlhophi di le nne.
“Go ntse go na le bothata jwa gore metsi a goroge ka selekano le boleng jo re bo tlhokang mme bothata jo bo ne jwa kgonwa ke go atolosiwa ga madirelo a. Dikgaolo tsa Mahalapye Bophirima, Mahalapye Botlhaba, Shoshong le Sefhare/Ramokgonami e ntse e le dikgaolo tse di nang le tlhaelo ya metsi,” ga bua tona Dr Mzwinila.
O tlhalositse fa selekanyo sa metsi se se tlhokafalang se nna se oketsega go ya ka mabaka aa farologaneng jaaka koketsego ya dipalo le ditsha tsa bonno le madirelo.
Ka go lemoga botlhokwa jwa metsi mo itsholelong ya lefatshe, bogolo jang mo ditirong tsa ditlhabololo ka go farologana, Dr Mzwinila a re go ne go le maleba gore madirelo a phepafatsang metsi a, a atolosiwe gore phatlalatso ya metsi e atlege.
A re phatlalatso ya metsi go ya kwa metseng ya Tswapong Borwa, go tla oketsa selekanyo sa tiriso ya metsi go nna dilithara di le 21.132 million ka letsatsi, go tsweng kwa go 18 million ka letsatsi.
Ka jalo, are go ne go le maleba go atolosa, kgotsa go aga sesha madirelo a, go tsweng mo selekanyong sa metsi sa dilithara di le 18 million go ya kwa go 36 million ka letsatsi.
Tona o lebogetse mong wa konteraka go hira batho ba le 225 kwa tshimologong ya tiro e, mme ba le 192 mo go bone e le Batswana.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi ya Mahalapye, Kgosi Duncan Segotsi are go atolosiwa ga phatlalatso ya metsi mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, go tla thusa go fedisa tlhaelo ya metsi.
Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, yo gape e leng Mothusa Tona ya Thuto le Tlhabololo Dikitso, o supile fa go atlega ga tiro e, e le sekao sa botswerere ja boeteledipele jwa ga Tona Dr Mzwinila, badiri ba lephata la gagwe ba ba nnileng le seabe mo tirong e gammogo le beng ba dikonteraka.
“Re na le tsholofelo ya gore lenyora le le ntseng le tlhasetse batho ba Shoshong le tla fela gompieno,”a tlatsa.
Le fa gontse jalo, Rre Lesaso o kopile Tona Mzwinila gore mo tsamaong ya nako metsi a tswe gape kwa Shoshong a fetele kwa metseng ya Mosolotshane, Ikongwe le Kodibeleng.
Fa a ntsha malebo, Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o lebogetse mong wa konteraka tiro e ntle ya go aga leobo kwa lebaleng la ditshupo la Mahalapye le tlhabololo yotlhe koo, a re banni ba Mahalapye ba tla sala ba mo gopola ka tlhobololo eo.
Bagolwane ba ba neng ba tseneletse tiro e, ba akaretsa; Modulasetilo wa Khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi, Mokwaledi wa Lephata la Lefatshe le Metsi, Dr Kekgonne Baipoledi, Mookamedi wa Koporase ya Metsi, Rre Gaselemogwe Senai, Mothusa Mokwaledi wa Lephata la Lefatshe le Metsi, Rre Nchidzi Mmolawa, Molaodi wa Kgaolo ya Legare, Mme Angelinah Leano le Molaodi wa Kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Edson Malebane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Loeto
Date : 20 Oct 2022