Breaking News

Ba Ranaka ba batla kgaolo ya Ngwaketse Botlhaba

20 Oct 2022

Banni ba Ranaka ba kopile gore motse wa bone o ntshiwe mo kgaolong ya botlhophi ya Kanye Bophirima mme o direlwe kgaolo e ntsha ya Ngwaketse Botlhaba.

Erile ba ntsha megopolo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le sekasekang melelwane ya dikgaolo tsa bopalamente ka Laboraro, banni ba ne ba tlhalosa fa kgaolo e ntsha eo e tlaa bo e ba kopanya le metse e e mabapi e akaretsa Manyana, Bikwe, Mogonye, Ranaka, Lekgolobotlo, Ntlhantlhe, Magotlhwane, Kgomokasitwa, Moshana, Losabanyana, Pitsaneng le Goora-Seno.

Moemedi wa makhanselara a pele a motse wa Ranaka, Rre Tshenyetso Mothibedi o ne a supa fa maikaelelo a kopo ya bone e le go netefatsa gore ditlamelo di atamela batho.

“Maikaelelo ke gore ditlamelo di tle ka bonako ka gore mo bogompienong di tla ka bonya ka gobo re le kgakala le tsone.”

O ne gape a tlhalosa gore go dira kgaolo ya bopalamente ya Ngwaketse Botlhaba go tlaa godisa molelwane wa Bangwaketse jaaka Kgosi Bathoen a ne a dira.

Erile a mo tlatsa, Rre Dimpho Mothibedi le ene a supa fa ba eletsa gore kgaolo ya bone e ikemele ka jaana diemo tsa bone di tshwana ebile ba tsaya ditlamelo kwa Moshupa. 

A re ba sokola go bona ditlamelo ka ditlamelo tsa kgaolo ya Kanye Bokone di ya kwa motseng wa Kanye, mme bone ba le gaufi le Moshupa.

A re metse e e tlaa salang mo kgaolong ya Kanye Bokone e tlaa kopana le ya Kanye Borwa ka jaana metse ya dikgaolo tseo ka bobedi e godile ebile e lekane go nna dikgaolo tse di tletseng. A re gape go ntsha metse ya Manyana, Bikwe le Mogonye kwa kgaolong ya Moshupa/Manyana go tlaa thusa go tlhofofaletsa kgaolo eo tiro.

“Kgaolo ya Moshupa/Manyana e godile e lekanwe ke go nna le dikgaolo tsa bopalamente di le pedi, ka jalo go ntsha Manyana, Bikwe le Mogonye kwa go yone go tlaa ba fokoletsa morwalo.”

Le fa go ntse jalo, Rre Rogers Kruger yo le ene eleng monni wa Ranaka o ne a supa fa a eletsa gore kgaolo e ba e kopang e ka okediwa ka metse ya Tshweneyagae le Maisane ka jaana le yone seemo sa yone se tshwana le sa Ranaka. O ne gape a re o farologana le ba ba reng kgaolo e bidiwe Ngwaketse Botlhaba ka jaana leina leo le le semorafe.

“Nna nka eletsa kgaolo e ntsha e e bidiwa Ranaka/Manyana ka gore go e bitsa Ngwaketse East ekare go semorafe.”

Ere ntswa a re o dumalana le mogopolo wa gore go dirwe kgaolo e ntsha, Mme Kamogelo Kemaketse ene o ne a supa fa a sa batle ba kopanngwa le metse e e potileng lentswe ntlha e nngwe.

“Ke dumalana le mogopolo mme ke mokorwana ka gore ga ke batle re tlolela lentswe ntlha e nngwe. Bogolo re ka tsenya Mogobane ka o gaufi le rona.”

O ne gape a supa fa a le bete se molangwana gore Manyana o ka tsenngwa mo kgaolong e ba batlang e dirwa ka jaana go tloga gotwe ba tseye ditlamelo teng ka ele motse o mogolwane.

Mo kgannnyeng e nngwe, Mme Kemaketse o supile fa tsamaiso ya go bala batho ya monongwaga e ne e sa siama ka go ne go balwa batho ba ba letseng mo lwapeng eseng ba ba tlholegang foo. 

A re go dira jaana go feletse go tlogetse batho ba bangwe ba sa balwa.

Erile a iteela mafoko kobo moroko, mokhanselara wa Ranaka, Rre Mothibedi Mothibedi a supa fa go le matshwanedi gore ba kopanngwe le metse ya Manyana, Bikwe le Mogonye ka jaana ele batho ba le bangwefela, ba kgaogantswe fela ke lentswe. 

A re batho ba dikgaolo tse ba di kopang tseo ba a sikana ka jalo dikgang tsa bone di a tshwana.

O boletse fa mo bogompienong ba tsaya ditlamelo kgakala kwa Kanye, mme fa mogopolo wa bone o ka atlega ba tlaa dirisa lefelo lengwe kwa Ntlhantlhe go tseela ditlamelo teng.

“Go na le service centre kwa Manyana gape fa go dumalanwa re ka dirisa kago ya puso kwa Ntlhantlhe e lesa go nna white elephant. Gompieno re a diega fa re ile go tsaya ditlamelo kwa Kanye, le manyalo re a folela kwa Kanye.”Bokhutlo

Source : BOPA

Author : kehumile moekejo

Location : Ranaka

Event : Phuthego

Date : 20 Oct 2022